Puso e itlama go isa ditirelo kwa setshabeng molaodi
16 Sep 2024
Go isa ditirelo kwa setshabeng go botlhokwa ka se se thusa go fokoletsa Batswana mesepele go ya kwa mafelong a ba ka bonang thuso teng.
Molaodi wa kgaolo ya Kgatleng, Mme Kolobetso Sejakgomo o tlhalositse fa go isa ditirelo kwa bathong e le maitlamo a magolo a puso ya lefatshe leno.
O buile se kwa Artesia bosheng, fa maphata a puso le a a ikemetseng ka nosi a ne a dule letsholo go isa ditirelo kwa bathong, ka go se bonolo mo bangweng go latela dithuso kwa Mochudi.
A re maphata a tshwana la la Omang, dipagamo le temo-thuo a botlhokwa fela thata ka e le one a batho gantsi ba batlang ditirelo tsa one.
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Daniel Molokwe o boletse fa ba itumelela maiteko a molaodi wa kgaolo, a go nna ba etela batho, go ba tlhola, go itse ka matshwenyego a bone le go ba isetsa ditirelo.
A re go a lebosega go bona maphata a e seng a puso a tseetse letsatsi le kwa godimo.
Rre Molokwe a re letsatsi le, le botlhokwa ka le ka dirisiwa gore bodiredi bo kale seelo sa ka fa ba thusang morafe ka teng.
Rre Molokwe a re e le baeteledipele ba kgaolo ba itumelela go tshegediwa ga letsatsi le, a bolela fa le setse le tshwerwe kwa Dikgonnye, Oliphant’s Drift, Kgomodiatshaba, Dikwididi, Leshibitse, Malolwane le Artesia.
Mokhanselara wa Mosomane, Rre Tshepo Ruele a re letsholo le, le botlhokwa ka jaana banni ba kgona go dirisa go nna teng ga maphata a, go araba matshwenyego a bone.
Rre Ruele o galaleditse Mme Sejakgomo, a bolela fa e le lantlha ba bona go tlisediwa ditirelo.
A re se, se fefosa nako ya go tsamaya mesepele e meleele go ya kwa Mochudi kgotsa kwa Dibete, selo se a reng se setse se supagetse mo mafelong a a setseng a etetswe.
A re go botlhokwa gore banni ba dirise letsatsi le, go godisa dikgwebo potlana tsa bone.
Kgosi George Thwane wa Artesia, o gakolotse maphata a puso go re ba beele mo pontsheng dielo tsa ka fa ba eletsang go thusa morafe ka teng.
A re go a swabisa gore bagolo ba gogagogiwe ka go isiwa kwa le kwa, fa ba tlhoka thuso.
Ka jalo, o boletse fa maphata a tshwanetse go baya mabokose a patlo-maikutlo mo diofising gore ba utlwe ka fa morafe o eletsang go thusiwa ka teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : Mochudi
Event : Potsolotso
Date : 16 Sep 2024