Breaking News

Tautona o tlotlomatsa Molale

15 Sep 2024

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o akgotse Tona wa Dipalamo le Ditirelo tsa Setshaba, Rre Eric Molale go bo a dirile ka natla nako ya fa e le modirelapuso le e le lepolotiki.

Tautona Masisi o buile se kwa tirong ya tshimolodiso ya tsela ya Modipane-Mabalane, e e neng e tshwaretswe kwa Dikwididi ka Labotlhano.

O tlhalositse fa Rre Molale yo o tlogelang tiro ya sepolotiki, e ne e santse e le ene fela yo o nang le kitso e ntsi ka go tsamaisa puso.

A re Rre Molale o dirile go le gontsi, a fetola le go tokafatsa ditsamaiso tsa puso tse di thusitseng puso go fitlhelela dilo di le mmalwa. 

Tautona Masisi a re Rre Molale o tlogela tiro a le motlotlo ka o nnile mokwaledi mogolo mo ofising ya ga tautona, Dr Festus Mogae, tiro e a e dirileng ka bonatla.

A re Rre Molale ke motlobo o ba nnang ba kopa dikgakololo mo go one, ka a na le kitso e ntsi ka bodirela puso le ka fa puso e tshwanetseng go tsamaisiwa ka teng.

O boletse fa ditiro tsa go tokafatsa ditirelo tsa ditlhabololo mo dikagong jaaka lenaneo le lesha la Development Manager Model, e le lengwe la dikakanyo tse di tsileng ka Rre Molale, go leka go tswala diphatlha tsa tshenyo e e neng e diragala kwa lephateng la dikago.

“Ke mo dirile tona wa dikago ke lebile bokgoni le gore ke ene fela yo o ka kgonang go fetola diemo ka go ne go na le tshenyo e ntsi koo,” Tautona Masisi a tlhalosa.

A re ka bokgoni jwa ga Rre Molale, tsela e banni ba nang le lebaka ba e kopa ya Modipane-Mabalane e tlaa dirwa.

Mothusa kgosi ya Bakgatla, Kgosi Bana Sekai o kopile beng ba dikonteraka ba ba hirilweng, go sekaseka ka fa ba ka tlhabololang ditsela tse dingwe tse di gaufi le e e dirwang, tse di kopanyang Mochudi le metse e e mabapi.

Kgosi Sekai a re kgokaganyo ya ditsela e fefosa mesepele le go e tlhofofatsa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : Dikwididi

Event : Tshimolodiso ya tsela ya Modipane/Mabalane

Date : 15 Sep 2024