Morafe o kgothadiwa go aba madi a mmele
15 Sep 2024
Banni ba Maun ba kgothaditswe go aba madi a mmele ka seo se ka boloka matshelo a balwetse ba ba a tlhokang.
Modiri mo ofising ya kabo madi a mmele kwa Maun, Mme Melody Phillies o kgothaditse morafe go itlwaetsa go aba madi, kwa pitsong ya borre le basimane e e sa tswang go wela.
Mme Phillies o tlhalositse fa go na le thothinyana kwa mabolokelong a madi, a re seemo se, se ka tokafala fa Batswana ba ka aba madi ka bontsi kgapetsakgapetsa.
A re lekalana la bone le tshwanetse go gopa dikhakhana di le 21 tsa madi a a ka dirisiwang ka letsatsi, di le 105 ka beke le di le 420 ka kgwedi, mme seelo seo ga se ke se kgonega ka lebaka la gore Batswana ba maoto a tshupa go aba madi.
“Go botlhokwa gore ba ba itekanetseng ba abe madi gore a nne a le teng go abelwa balwetse ba ba a tlhokang,” a itela.
Mme Phillies a re madi a a abilweng ga a solegele balwetse molemo ba le bosi, mme a solegela le baabi ka botsogo jwa bone bo tokafala ka jaana ba tlhoka go tsena mo tlhatlhobong e e ba fang lesedi ka botsogo jwa bone.
Mo godimo ga moo, a re tlhatlhobo pele ga kabo madi e kgona go senola makoa a a iphitlhileng kgotsa dikai dingwe tse di supang motho a tsamaiwa ke bolwetse.
A re fa go ntse jalo baabi ba madi ba kgona go fetisediwa kwa bongakeng go bona thuso bolwetse bo ise bo etesegele.
O ile a tlhalosa fa madi a tlhatlhojwa pele ga a ka tshelwa mo molwetseng, a tlatsa ka go re ba ba mo kalafing ga ba letlelelwa go aba.
Mme Phillies a re bomme ba ba itekanetseng ba letlelelwa go aba gararo ka ngwaga, fa borre ba ka aba gane le gore ba tshwanetse go bo ba fetile dingwaga tse 16 mme bokete jwa mebele ya bone e le fa gare ga 50kg le 120kg.
Mme Phillies o ne a ikuela mo makgotlaneng a selegae le a sedumedi, a itloso bodutu le a mangwe mo setshabeng go laletsa ofisi ya gagwe gore e ye go gwetlha setshaba go aba madi a mmele.
Banni ba ne ba amogela thuto mme ba gakolola badiri ba tsa botsogo go otlololela lenaneo la bone la kabo madi kwa mafelong a a kgobokanyang batho le kwa metseng selegae go oka baabi.
Ba re bangwe ga ba abe madi ka ntlha ya go tlhaela kitso.
Fa a ntsha la gagwe, mothusa modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Maun, Dr George Banda o ne a kopa setshaba go tlhwaafalela go aba madi, a tlatsa ka go re go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.
O ne a fa badiri ba ofisi ya kabo madi sebaka sa go latlhela tlhware legonyana kwa tirong ya go tswala kgwedi ya merapelo e e tlaa tshwarang ka Lwetse 22 kwa kgotleng kgolo ya Maun. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Maun
Event : Pitso ya borre
Date : 15 Sep 2024