Breaking News

Mapodisi a tshegeditse babelaelwa

12 Sep 2024

Mapodisi a Ghanzi a tshegeditse banna ba le bane, go ba thusa ka ditlhotlhomiso morago ga go tshwarwa ka dikgomo tse di masome a mane, tse go belaelwang e le tsa bogodu, kwa thoteng ya Bere.

Mookamela mapodisi a Ghanzi, Superintendent Modiro Lekone o boleletse BOPA fa ba begetswe tiragalo eo kgwedi eno e tlhola malatsi a ferabobedi, ke ba komiti ya barua-kgomo ya Ka e Rua ka Tlhoka Boroko.

A re dikgomo tseo di fitlhetswe di tlhatlhetswe mo polasing nngwe mme go supagala di tserwe e se ka fa tsamaisong mo mafelong a a farologanyeng.

Supt Lekone a re babelaelwa ba ba batlhano ka palo, mme ba santse ba le mo patlong ya yo mongwe. 

A re ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le motso go ya kwa go tse di masome a mararo le bosupa, mme ba tlholega kwa kgaolwaneng ya Bere.

A re mmelaelwa wa botlhano go bolelwa a tlholega kwa Hunhukwe kwa Kgalagadi Bokone, 

Supt Lekone o tlhalositse fa ba fitlhetse dikgongwana di le lesome tse babelaelwa ba reteletsweng ke go supa bommaatso, ba ipata ka gore ba sule.

A re Bontsi jwa dikgomo di tshwailwe ka matshwao a a farologaneng a a belaetsang, a kopa barui kwa dikgaolong tsa Ghanzi, Charleshill le mafelo a  a mabapi go etela lesaka la matimela kwa Bere go ya go tlhodumela seemo.

A re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse mme babelaelwa ba tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata la Ghanzi, go ya go arabela molato.

Supt Lekone o iteetse komiti ya barua kgomo legofi, go upolola dikgang, a rotloetsa le dikomiti tse dingwe go tswelela di tshwaragane le ba sepodisi go fokotsa dikgang tsa bogodu jwa leruo.

Modulasetilo wa komiti, Rre Jecter Marambe o gwetlhile barui le setshaba go tshwaraganela twantsho borukutlhi, a re fa go ka neelwa tshwene marapo, go ka oketsa botlhoki mo kgaolong, gammogo le go phutlhamisa mhama wa temo thuo.

Rre Marambe o tlhalosiste fa komiti e tlhamilwe ka 2021, morago ga go kokonelwa ke go amogwa leruo ke magodu.

A re ba itemogetse fa banana ba amega ka dipalo tse di kwa godimo mo bogodung jwa leruo mme a re se, se tshwanetse go emelwa ka dinao.

Rre Marambe o kgadile batsadi ba ba bipang mpa ka mabele, segolo jang fa ba lemoga tshenyo e e dirwang ke bana ba bone, a re go ba lomeletsa ke go ba senyetsa bokamoso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : BERE

Event : Potsolotso

Date : 12 Sep 2024