Breaking News

Bangwaketse ba rulaganyetsa go amogela Tebogo kwa Kanye

11 Sep 2024

Banni ba Kanye le metse e e mabapi ba kopilwe go baakanyetsa go amogela sekgantshwane sa mabelo, Letsile Tebogo kwa Kanye.

Kgosi Malope II o dirile kopo e, fa a buisa phuthego ya kgotla Lwetse a robabongwe kwa Kanye.

Maikaelelo magolo a yone e neng e le go begela morafe fa ngwana wa bone a tlaa tla gae kgwedi eno e le masome mabedi le bongwe.

A re Tebogo o tlotlomaditse Kanye fela thata mme e bile go supega fa kgaolo e santse e tlaa ntsha dikgantshwane tse dingwe.

Kgosi Malope II a re o rulagantse loeto loo morago ga go tshwenngwa ke banni ba kopa gore ngwana a tle gae mme a itshwaraganya le batlhokomedi ba ga Tebogo, ba bo ba dumalana ka letsatsi.  Tebogo o tlaa bo a patilwe ke ba bangwe ba a neng a na le bone kwa dikgaisanong.

Kgosi o tlhaloseditse morafe fa Tebogo a dirile ditso ka e le ene motabogi wa ntlha go gapa seetsele sa gouta mo Africa, mo lobelong lwa 200m ka jalo, ba tshwanetse go dira dipaakanyo tse di maleba go mo amogela.

A re ba tle ka bontsi go tla go mo amogela ka dimpho le lorato.

Mo go tse dingwe, Kgosi Malope II o itsisitse morafe fa o tlaa phuthaganela kwa kgotleng go rapelela pula kgwedi e e tlang e le lesome le borataro. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : Kanye

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 11 Sep 2024