Breaking News

Thapelo e nonofetse diemo

10 Sep 2024

Thapelo e na le maatla ebile e nonofetse go fetola diemo tse lefatshe le lelang ka tsone jaaka HIV/AIDS, malwetse a sa tshelwaneng, kgokgontsho ya bong, dikotsi tsa tsela le tse dingwe.

Morutuntshi wa Mindset Change Rre Boitshoko Otlhomile o buile seo kwa tshimolodisong ya kgwedi ya merapelo kgatlhanong le HIV/AIDS le mathata a mangwe a lefatshe mo Palapye bosheng.

A re kgwedi ya Lwetse e tlhophilwe go nna ya merapelo kgatlhanong le HIV/AIDS, malwetse a a sa tshelwaneng le kgokgontsho ya bong gammogo le dikotsi tsa tsela.

Rre Otlhomile a re kereke e nonofile go ka fetola boitsholo le mekgwa ya batho, ka jalo go botlhokwa gore dikereke di thuse puso dikgwetlho tse.

A re nako e ke ya gore dikereke di eme ka dinao, baruti ba kgothatse le go gakolola setshaba ka diemo tse.

Gape a re seabe sa kereke mo go tlhabololeng dikakanyo se segolo go ka tsisa phetogo mo setshabeng ka melaetsa ee nonofile ya boitshwaro le go fetola mokgwa.

A re ke boikarabelo jwa kereke go ema nokeng setshaba segolo jang ba ba amilweng ke masula le mathata a mangwe a botshelo.

Moruti Obakeng Baumake wa Apostle faith Mission mo Palapye a re ke nako ya gore ba itebaganye le go fetola le go aga mme seemo se batla baruti ba eme ka dinao ba rapela ka mashetla.

A re go botlhokwa gore batho ba itshekatsheke gore ba tlogetse tsela kae le gore tse ba di dirang gompieno di farologana jang le tsa bogologolo.

Moruti Baumake a re fa ba batla go na tshaba e e itekanetseng go batla motho ka esi a fetola dikakanyo, boitsholo le mekgwa

Mogokaganyi wa Merero ya HIV/AIDS Rre Thuso Ernest o kopile setshaba go ema ka dinao ba tshelela Morena, a re kwa ntle ga thapelo ga ba sepe.

Rre Ernest o rotloeditse baruti gore ba nne sekao mo bathong ba ba eteletseng pele gore ba fetoge.

O kgadile dikereke tse di tlogedisang balwetse dipilisi kana ditlamelo tsa botsogo, a tlhalosa gore bangwe ba bone ba santse ba dumela gore ga ba tshwanela go bua ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo mo bokopanong jwa kereke.

A re ba itemogela kgwetlho ya go ima ga bana ba dingwaga tse di ko tlase le dipetelelo fa gongwe di dirwa ke masika.

Rre Ernest a re borre ba santse bale maoto a tshupa go itlhatlhobela malwetsi le ntswa ba diretswe mafelo a bone a a haphegile. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : Tshimolodiso Kgwedi ya Thapelo

Date : 10 Sep 2024