Breaking News

Baitseanape ba tlaa sekaseka kgang

09 Sep 2024

Puso e tlaa isa kgang e e runtseng kwa Lesenepole mabapi le leina la motse oo kwa baitseanapeng ba molao go sekaseka gore tharabololo ya yone e ka nna efe.

Kgang ya  banni ba motse o, e tlaa neelwa baitseanape ba puso ba molao go bona gore e pharologanyo jang le tse ba setseng ba kile ba di tshegetsa.

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae Rre Kgotla Autlwetse o buile se kwa Lesenepole, Lwetse a le malatsi a marataro, kwa a neng a ile go reetsa kgang ya dingongorego dingwe tse di ntshitsweng ke banni bangwe mabapi le leina la motse wa bone.

O supile fa kgang e, e setse e kile ya tsena kwa kgotla tshekelo ya ba ya nna le katlholo e e neng ya bua gore maina a a neng a ntse a le teng otlhe, ga gona lepe la one le le biditsweng  ebile le kwadisitswe ka fa molaong.

A re mo kgannyeng e e neng ya isiwa kwa kgotla tshekelong ya ba ya atlholwa, bangwe ba ne ba ngongoregela leina la Matolwane gore bone ga ba na keletso ya go bitswa ka lone. A re ba Lesenepole ba ne ba batla go bitswa ka ditso tsa bone mme ba reediwa ka e ne e le tshwanelo ya bone.

Ka jalo a re go ne ga felela go nna le katlholo e e reng banni ba ye go tlhopha gore go nne le leina le fe. A re go ne ga nna le ditlhopho mme leina la Matolwane le go supegang fa le ne le bopilwe ke batho go santse go le monate, la felela mo phefong.

Tona a re ka kgang e ne e setse e atlhotswe ke kgotla kgolo, ga e kake ya direlwa boikuelo gape mme ba molao ba ka sekaseka go bona gore bangongoregi ba ka thusiwa jang.  

Banni ba ne ba ntsha dikakgelo ka go farologana,  bangwe ba supa fa ba sa itumelele go bitswa Lesenepole ka ba itse ditso tsa bone le gore ba tswa kae mme ba batla go bitswa gotwe Matolwane ka e le leina la ditso tsa bone fa bangwe ba ne ba sa dumalane le gore ba ka bitswa jalo.

Rre Jobe Gareaitse o ne a supa fa a eletsa gore ba kgaoganngwe ba bangwe ba bitswe ba Lesenepole mme ba bangwe ba bitswe ba Matolwane mme seo se tla a tsisa kagiso. 

A re kgang e, e sale e simolotse bogologolo, a re kgang eo e ba diileng mo dilong di le dintsi, bogolo jang tsa ditlhabololo. 

A re ditso tsa bone di a farologana.

Rre Mooketsi Motsemme o ne a supa fa kgang e, e ba baya ka fa mosing ka e le gone ba e utlwang e bile e ise e kopanelwe.

Rre Jobe Sefhako ene o ne a supa fa ba ne ba dira morero otlhe o o tlhokafalang mme ba felela ba ile kwa ofising ya ga Tona jaaka a tsile kwa motseng wa bone. 

A re ba a kokonelwa e le ba Matolwane e bile ga ba tshele sentle. 

A re sale morago ga gore go tlhophiwe leina la Lesenepole gore e nne lone le le dirisiwang kwa motseng oo, ba fetogile makgoba. 

A re mo ditlhophong tsa komiti ya ditlhabololo tsa motse, ba Lesenepole ba nna dipalo dintsi ka ba le bantsi mme ba felela e le  bone ba laolang sengwe le sengwe e bile ba ba tseela ditshwetso. 

O ne a re ba kopa gore ba kgaoganngwe mme e nne metse e le mebedi. 

A re ba ne ba leka go ba rerisa mme ba ngala phuthego eo. 

A re ga ba na ditshwanelo mo motseng wa bone. 

A re Leseneoole ke boswa jwa ba Lesenepole ka e ne e le rraabonemogolo. 

A re ba amogetse gore tshwanelo gore tshwanelo ya bone ya go bitswa Lesenepole ba e filwe ka jalo ba kopa tshwanelo ya bone e le ba Matolwane. 

Mme Gaboutlwane Pipedi o ne a supa fa bangwe ba Matolwane ba supile go tlhoka kutlwisisanyo mo kgotleng fa go na le bokopano, mme a re ga go molato gore ba kgaogane le bone.

Rre Autlwetse o ne a re dikgogakgogano di teng e bile di a bonala le fa bangwe ba leka go di latola. 

A re se, se supiwa ke ka fa banni ba nnang ditlhopha ka teng mo kgotleng. 

Tona a re kgotlhang e e ntseng jalo ya merafe, e kgona go tsisa dintwa tsa semorafe fa di sa tsibogelwe.

Tona Autlwetse a re kgang ya Lesenepole e tswetse kwa ntle jaaka barongwa bangwe ba setse ba gorogile kwa diofising kwa Gaborone ba supa go tlhoka go itumela ga bone a tlhalosa fa seo e se phoso ka mo tsamaisong ya puso ya batho ka batho mongwe le mongwe a gololesegile gore fa a sa itumela a ngongorege.

Rre Autlwetse o ne a akgolela banni gore ntswa ba na le dipharologanyo, ba tlhaloganye gore mo motseng wa bone tse e leng tsa puso ga se tsa ga mangmang mme ke tsa bone botlhe e bile ga gona yo o ka di rontshiwang ke ope. 

A re dilo tse di akaretsa sekole, kokelwana le tsela. 

O ne gape a ba kopa gore ba tshwaragane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LESENEPOLE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 09 Sep 2024