Molao motheo ga o fetolwe motlhofo
09 Sep 2024
Gore Palamente e bo e sa fetisa molao kakanyetso wa go fetola molao motheo wa lefatshe kwa Palamenteng e e sa tswang go wela, ke sesupo sa gore mapalamente ba ne ba ise ba wele ka kgang e.
Se se boilwe ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi kwa moletlong wa ngwao wa Mbungu-wa-Kathimana kwa Mohembo ka Matlhatso.
A re go fetola molao motheo ga go motlhofo.
O ne a tlhalosa fa ba tlaa boela kwa bathong gore ba itlhophele gore bone ba reng.
A re le fa ba dumalana kana ba ganana le one, ga go molato ka lefatshe leno e le la puso ya batho ka batho.
Tautona Masisi a re nako e gorogile gore mongwe le mongwe a itlhalose ka jaana molao kakanyetso o ne o sa sireletse ngwao fela, mme o ne o na le ditsetlana tse di rotloetsang tshomarelo le pabalesego ya bana.
Tautona a re ba ne ba leka go bopa ngwao ba e tsenya mo molao motheong mme ka maswabi, seo se sa atlega.
A ba bolelela fa a phatlaladitse Palamente ka fa molaong a bo a baya le letsatsi la Phalane 30 go nna la ditlhopo tsa setshaba, morago ga go rerisanya le lekgotla le le tsamaisang ditlhopho.
O kopile Batswana mono gae le ba ba nnang kwa mafatsheng a sele go diragatsa boikarabelo jwa bone jwa go tlhopha baemedi ba ba ba batlang.
A re ba tlhophe baemedi ba tlhwatlhwa ka e le bone ba tsileng go dira melao le go thusa gore go nne le ledula, kagiso le thokgamo mo lefatsheng.
Tautona Masisi o lekodisitse banni ba Okavango fa puso e tlaa baakanya tsela ya Maun go ya go tsena kwa Gudigwa.
A re go tlaa dirisiwa P3.2 billion go baakanya tsela ya Maun-Mohembo, fa P1.3 billion a tlaa tsenya sekonotere mo tseleng ya Mohembo-Gudigwa.
O boletse gape fa loeto lwa gagwe kwa China le dule maduo ka molekane wa gagwe a file Botswana mpho ya madi a a fetang P100 million.
A re ka 2018, puso ya China e ne ya dumela go adima Botswana madi a go dira ditsela mme ditumalano tsa retela ka go a busa go ne go le turu mme a supa boitumelo gore gompieno ba ntshitse mpho ya madi mme a tlaa thusa mo ditlhabololong.
O boletse fa puso e itlamile go atolosa kgokelo ya motlakase le maranyame mo mafelong a le mantsi maikaelelo e le go rotloetsa tiriso ya maranyane.
Tautona o boletse fa a na le toro ya go aga mafelo a a rotloetsang ngwao mo mafelong mangwe mo kgaolong ya Ngamiland ngwaga o o tlang, gore tsotlhe tsa ngwao di direlwe teng le go oka bajanala ka banni ba tlaabo ba roka, ba betla, ebile ba dira tsotlhe tse di ka tsenyang letseno.
“Ke batla gore fa nako yame ya go busa e wela, ke bo ke tlogela motlhala o o bonalang. Ke eletsa gore Batswana ba kgone go itshetsa ka dikitso tsa bone jaaka re eletsa re le lefatshe gore re age itsholelo e e ikaegileng ka dikitso,” Tautona Masisi a supa.
Kgosi Kamwengo Chakova wa Mohembo o kopild Tautona go sekaseka gore a puso e ka seke e fe morafe pantune e kgologolo gore e nne bontlha bongwe jwa go supa ngwao ya bone.
O ne a lebogela Tautona kemo nokeng, go rotloetsa dingwao tsa merafe ka go farologana, a re o supile fa e le motsadi a rata bana ba gagwe ka go lekana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MOHEMBO
Event : Moletlo wa Ngwao
Date : 09 Sep 2024