Breaking News

Madomi a gopola Mthimkhulu

07 Sep 2024

Dibui ka go farologana kwa segopotsong sa ga Rre Dumezweni Mthimkhulu se se neng se rulagantswe ke ba Botswana Democratic Party (BDP) kwa Old Naledi ka Labotlhano, di mo kaile fa e ne e le moemedi wa popota. Rre Mthimkhulu, yo e neng e le mopalamente wa Gaborone Borwa gape e le tona wa tikologo le bojanala, o tlhokafetse bosheng morago wa go lwala ka lobaka. Fa a bua kwa segopotsong seo, Mothusa Tautona, gape e le modulasetilo wa BDP, Rre Slumber Tsogwane, yo ka nako eo a neng a bua e le Motshwarelela Tautona, o boletse fa Rre Mthimkhulu a ne a ikemiseditse go emela dikeletso tsa botlhe. “E ne e se wa rona fela Ma-Domkrag. Ke wa rona le batsadi ba gagwe le setshaba ka kakaretso,” ga tlhalosa Rre Tsogwane. O tlhalositse fa Rre Mthimkhulu a ne a le senatla mo tirong ya gagwe, e le mogaka wa polotiki, ka jalo ba dumela fa a tlogetse bagaka ba bangwe go tsweledisa tiro ya gagwe. “Ke Mo-Domkrag wa motia, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o ne a mo ikanya, a itse gore o golegile sepane se se nonofileng ka ene,” ga tlhalosa Rre Tsogwane, a supa fa go lwala ga ga Rre Mthimkhulu go ne go tshwentse Tautona Masisi fela thata, ka jalo a mo rotloetsa ka gotlhe gore a bone pholo. Rre Tsogwane a re moswi e ne e le segatlhamelamasisi a sa boife sepe, a le senatla ka gore le nako ya fa a lwala, o ne a eme ka dinao a kgaratlhela go dira tiro ya gagwe ka bonatla. A re Rre Mothimkhulu e ne e le motho yo o neng a sa ipone tsapa go direla banni ba kgaolo ya gagwe, khuduthamaga ya puso le setshaba ka kakaretso. “E ne e le senatla, mogaka, a lwela ditshwanelo tsa ba ba kobo dikhutshwane,”ga tlhalosa Rre Tsogwane. A re ke boammaruri gore leso la ga Rre Mthimkhulu le butse phatlha e e tlhokwang go kabiwa ka bofefo ka gore nako ya ditlhopho tsa setshaba e gaufi. Ka jalo o ne a kopa madomi go kaba phatlha eo ka senatla se se tlaa ba direlang ka botlalo. “Emang ka dinao banni ba Gaborone Borwa le re kaele tsela, nako ya ditlhopho e gorogile,” ga tlhalosa Rre Tsogwane. Modulasetilo wa BDP mo Gaborone Borwa, Rre Tshegofatso Madi a re ke mongwe wa ba ba neng ba tsamaya le Rre Mthimkhulu ba tswa mo phathing ya Botswana National Front (BNF), ba ikemela e le mekoko, mme kgabagare ba tsena mo phathing ya BDP. “Ke ne ke sa itse gore ka lengwe la malatsi a ka rongwa go nna moeteledipele, ke ne ke itse go latlhela talama fela ka nako ya ditlhopho. Ke gogilwe ke Rre Mthimkhulu a nthuta polotiki le botlhokwa jwa go tsena mo maemong ka go farologana,” ga tlhalosa Rre Madi. Rre Robert Kediseng o ikaile e le mongwe wa ba ba neng ba rutiwa sepolotiki ke Rre Mthimkhulu. A re o kopane le Rre Mthimkhulu a sale moithuti kwa Botswana Accountancy College (BAC). A re gore o gorogile jang kwa phathing ya BDP, go ka tlhalosa Rre Mthimkhulu. “O ntsere ka sephiri, a ntobela boamaruri jwa gore re ya kae. Nna ke thantse re le ko Tsholetsa, ma-Domkrag a phuthegile a re amogela gotwe re maloko a phathi a masha,” ga tlhalosa Rre Kediseng. Mongwe wa dibui, Rre Tumiso Rakgare a re Rre Mthimkhulu e ne e le monna yo o neng a rata boammaruri, a sa fetoge mo go se a dumelang mo go sone. Rre Rakgare a re e ne le motho a sa tshabe go gakolola ope yo a dumelang a sa dire dilo ka tshiamo. O gakolotse ba Gaborone Borwa gore ope yo tlaa tsholetsang lebogo a itlama go rongwa go emela phathi ya BDP, ba mo amogele gore a kgone go tsweledisa ditiro tsa ga Rre Mthimkhulu. Ends

Source : BOPA

Author : Mother Galeragwe

Location : Gaborone

Event : Segopotso

Date : 07 Sep 2024