Phuthego e dira bomme seopo sengwe
06 Sep 2024
STORY ON PAGE 8 - MONDAY SEPT 9
Bokopano jwa bomme ba kereke ya Evangelic Religious Protestant Unity Church, jwa ngwaga le ngwaga bo thusa bomme ba phuthego eo go nna seopo sengwe, go itsana le go ratana.
Bokopano joo ke tsela ya gore bomme ba rotloetsana go direla Modimo le go nonotshana mo semoweng go amogela gore mo go Keresete go na le poloko le botshelo.
Modulasetilo wa bomme ba kereke eo, Mme Tsholofelo Tumediso o buile se kbosheng kwa Lobatse jaaka ba ne ba tshwere bokopano joo e le tsela ya go rotloetsana go jwa bomme, mo setlhogong se se reng: Dikeledi tsa Bomme Bokhutlo.
A re bomme ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba isa kereke kwa pele, le go oka maloko a masha mo kerekeng.
Mme Tumediso o boleletse bomme gore ba tshwanetse go rotloetsa tswelelopele, ba dire tiro ya Modimo e akaretsa go godisa banana gore ba ba sale morago.
O boletse fa tiro e nngwe ya bomme e le go godisa itsholelo ya kereke gore e gatele pele.
Modulasetilo a tswelela a re mme o tshwanetse go nna sekai kwa lwapeng, mo kerekeng, le mo setshabeng, go nna le monyenyo wa kamogelo, a re tiro e nngwe ya ga mme ke go godisa bana ka lerato le botswapelo.
Rre Francis Mokwena go tswa kwa ofising ya mopalamente kwa Lobatse, a re bokopano jwa bomme bo botlhokwa ka gore Bakeresete ke banni ba batho ba ba tshelang le bone kwa magaeng.
A re dikereke ka bontsi di itlhokomolositse seabe sa tsone mo setshabeng, a tlatsa ka gore bomme ba tshwanetse go ema ka dinao go netefatsa gore kereke e thusa setshaba, le gone go nna le tebelopele gore kereke mo isagong e ikaelela go dira eng.
Rre Mokwena a re bomme ke batho le go tsholola dikeledi ka jaana ba tshabelelwa ke dikgwetlho ka go farologana, mme a re dikeledi tsa ga mme di ka supa ka fa mme a nonofileng ka teng e bile a le thata, mme gape di ka supa phetogo ya sengwe se se sa tlwaelesegang.
A bolela gore dikeledi tsa ga mme ga di supe gore o bokoa mme di ka raya leeto la ditiro tse di mo kopanyang le Modimo, ka jalo a re di tshwanetse go ba fa nonofo.
Rre Mokwena o re go mo maruding a bomme go bona gore tse ba di fitlheletseng ba di tsweledisa jang, le gore a go na le tse ba tlaa di supang fa ba setse ba godile, le gore ba dira eng go tlhabolola kereke.
Rre Mokwena o boleletse bomme gore jaaka e le bone ba itlhophetseng kereke eo, ba e eme nokeng ka dinako tsotlhe, ka tlotlo gore e fitlhelele matshego a yone, a re ba tseye karolo mo ditirong tsa kereke.
A re ba gakologelwe maikano a bone go tsepame tumelong ka gore fa boetedipele bo nonofile, go nna le tshiamo.
Rre Mokwena o gwetlhile bomme go nna le lenaneo la dingwaga tse lesome tse di tlang, a bua ka dikgwetlho tsa bana le tiriso ya ditagi, dipetelelo, bangwe ba bolaya batsadi a tlatsa ka gore tse tsotlhe ke ditiro tse di maswe, a re Modimo o tlaa ba phimola dikeledi ka go utlwela lefatshe botlhoko kgatlhanong le masula.
A re bomme ba tshwanetse go anamisa lefoko la Modimo mo bathong ba sa ngosele, go godisa ba bangwe ka boikarabelo go nna Bakeresete, go tshwara ditirelo tsa kereke le go rera lefoko la Modimo ka dinako tsotlhe.
A ba kgothatsa go obama le go ipelela boleng teng jwa ga Keresete, le go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, jaaka go tlhokomela batlholagadi, masiela, batlhoki, balwetse le ba bangwe.
Moruti Solly Diphoko, go tswa kwa kerekeng ya St Mary’s e bile e le mokgothatsi, a re batsadi ba na le seabe mo go rotloetseng go tswa mo tseleng ga bana, a re bangwe bana ba ithuta mo batsading. A re boitshwaro bo ka dirwa ke maikutlo a a sa iketlang, ka tse bana ba di itemogelang.
Moruti Diphoko o boletse gore go tsepama mo tumelong go botlhokwa ka jalo a rotloetsa bomme go anamisa lefoko la tumelo.
Kwa bokopanong joo, bomme ba Kereke ya Unity ba ne ba abela ba lephata la thuto melora le didiriswa tse di tlhapang gammogo le pampiri ya ntlwana ya boitiketso.
Fa a amogela mpho eo motshwarelela mogolwane wa lephata la thuto kwa khanseleng ya Lobatse, Rre Tshephang Orekeng, a leboga bomme ba Unity ka dimpho tseo a re di tlaa thusa baithuti ba thuto e e haphegileng ka ba na le matlhoki a a farologaneng a tlatsa ka gore Modimo o segofatse bomme ba kereke eo.
Mookamedi wa Unity Bishopo Tshenolo Mautle o rotloeditse bomme go itebaganya le tiro e ba e tletseng mo kerekeng, ka maikutlo a a edileng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya Kereke
Date : 06 Sep 2024