Breaking News

Molao wa theko le thekiso o mo tirisong

06 Sep 2024

STORY ON PAGE 8 - MONDAY SEPT 9

A re molao wa Public Procurement Act 2021 (PPAct 2021) o bopilwe morago ga dingongorego tsa setshaba mabapi le tshenyetso setshaba e go neng go belaesega fa e diragala mo maphateng a puso le a a ikemetseng, selo se a supileng fa jaanong se tlaa rarabologa.

Ka jalo molao wa Public Procurement Act 2021 o simolodisitswe kgwedi ya Moranang monongwaga, maikaelelo e le go tsholetsa itsholelo, serodumo sa phadisano gareng ga bagwebi, le tse dingwe go dirwa jalo ka tekatekanyo mo go botlhe.

Mogolwane go tswa Public Procurement Regulation Authority (PPRA), Rre Charles Keikotlhae, o buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa Tsabong Lwetse a tlhola malatsi a le mane. 

Rre Keikotlhae o ne a tlhalosa fa molao o mosha o dirilwe mo boemong jwa e mebedi e e neng e dirisiwa pele wa Public Procurement and Asset Disposal (PPAD) wa 2002 o o neng o dirisiwa go aba dithendara le theko le thekiso ya dithoto tsa puso ka ditsetlana tsa dikhamphani tse di ikemetseng jaaka Local Enterprise Authority le Companies and Intellectual Property Authority.

O boletse fa wa Local Authorities Procurement and Asset Disposal (LAPAD) wa 2008 o ne o dirisiwa mo dikhanseleng fa District Administration Tender Committee (DATC) yone e ne e aba dithendara tsa madi a a kwa tlase ga P20 million mo dikgaolong.

Rre Keikotlhae o ne a tswelela ka go tlhalosa fa maphata a a rekang le go rekisa dithoto tsa puso a tshwanetse go thusa setshaba ka tekatekanyo ba sa sokamela ntlhaeng e le nngwe, go direla sengwe le sengwe mo pontsheng le gore Batswana ba itse ka dithendara ka seo se thusa gore setshaba se nne le tshepo mo go bone.

A re pele, dingongorego tsa Batswana di ne di le dintsi mabapi le kabo ya dithenthara di akaretsa Batswana bangwe ba ba neng ba akanya gore dithendara ke tsa bone fela le gore e nne bone ba ba atlegang mo go tsone, go le gantsi dikhamphani tsa madi a mantsi bogolo jang tsa kago, tse di neng di wela fela mo diatleng tsa ba-tswa kwa, maitemogelo a mangwe e ne e le gore dikomiti kwa dikgaolong di ne di diya go abiwa ga dithendara.

O boletse fa mo moalong o mosha wa Public Procurement Act 2021, badirelapuso ba sa letlelelwe go gweba le puso le ba masika a bone a a gaufi thata mme ba ka iteka  lesego mo dikhamphaning tse di ikemetseng.

Rre Keikotlhae a re maikaelelo a PPRA ke go tlhomamisa gore molao o salwa morago le go diragadiwa ka fa go tshwanetseng ka teng, gore a dipampiri tse di dirisiwang di a tsamaelana, go lebelela gape gore bodiredi jwa puso jo bo itebagantseng le theko le thekiso ya dithoto ba tsaya nako e e kana kang go thusa setshaba le gone go tlhomamisa gore a dithuto, dikitso le go ruthuntshiwa ga badiri go a diragadiwa le gone gore Batswana ke bone fela ba ba akolang dithendara.

O boletse fa PPRA e tlhodumela le go lebelela ka fa dithendara di abiwang ka teng mo maphateng a a farologanyeng le gore fa go ka fitlhelwa modiri a sena boitshwaro jo bo letlelesegang, o ka felela a amogilwe setlankana sa tiro.

A re bagwebi ba dikonteraka, PPRA e tshwaraganye le mapodisi le boeteledipele, ba baya leitlho tshalo molao morago e le maiteko a go araba selelo sa Batswana sa tshenyetso setshaba a re maphata ka go farologana a a dirang ka theko le thekiso ya dithendara a tshwanetse go itsaya motlhala ngwaga le ngwga go netefatsa gore ba tsamaisa ditirelo mo go sa belaetseng.

A tlhalosa gore mogwebi o tshwanetse go tsamaisa dingongorego tsa gagwe ka fa go tshwanetseng ka teng, a simolola fela ka yo o maleba, mo lebakeng la malatsi a le lesome go sekaseka ngongora mme fa a sa kgotsofale e fetele kwa pele kwa Procurement Tribunal go tswa foo a fetele kgotla kgolo ya ditsheko go fitlhelela kwa Court of Appeal.

Rre Pelokgale Ramaribana o ne a tlhalosa fa ikwadiso e dirwa fela ka maranyane morago ga go lemoga fa Batswana ba ne ba sokola go ya diofising kgakala kwa Gaborone le Francistown a supa fa gape e le tsela gape ya go tlhofofatsa ditirelo.

O ne a supa fa sengwe le sengwe se dirwa fela ka maranyane le dituelo tota go fitlhelela setlangkana sa kgwebo e Motswana a e batlang mme go farologana fela ke di code go lebeletswe gore mogwebi o batla kgwebo ya mofauta o fe le madi a a kae, mme a ba gwetlha go ikwadisetsa pele ditiro tse ba eletsang go di dira.

Bangwe ba badirelapuso ba ditiro tsa theko le thekiso mo maphateng a a farologanyeng ba ba neng ba tsene phuthego e ba ne ba supa fa molao oo wa Public Procurement Act 2021 o tshwanelwa ke go tlhalosediwa thata ba ba lebaneng jaaka badiri ba puso le bagwebi gore ba kgone go o tlhaloganya ka ga go tshwana ka jaana o setse o tsene mo tirisong go itsa go gotlhagotlhana le one. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 06 Sep 2024