Kago ya sepodisi kwa Khawa e a simolola
05 Sep 2024
Malatsinyana fela morago ga gore Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane a simolodise dikago tsa sepodisi di le masome mabedi le borobabobedi ka maranyane go ralala lefatshe leno, moagi Unik Construction Engineering o setse a iponagaditse kwa Khawa go dira ditshekatsheko le go kgobokanya didirisiwa tse di tlhokegang mo kagong eo.
Bogogi jwa Khawa bo lebogetse go iponagatsa ga moagi a patilwe ke bagolwane ba sepodisi go tswa Gaborone bosheng, go ya go bona lefelo, le go dira ditshekatsheko, kwa a supileng fa a tlaa simolola tiro eo e e tlaa lopang P35 million kgwedi e e tlang a supa fa a tlaa tlaa thapa bangwe banni.
Mo potsolotsong le BOPA ka Laboraro, Kgosi Piet Manyoro wa Khawa mo kgaolong ya Tsabong o lebogile puso ka ditlhabololo tseo, a supa gore motse oo ke mongwe wa e e kgakala le ditlamelo, ka jalo go agwa ga ofisi ya sepodisi go tlaa atametsa ditlamelo gaufi le batho. A re ofisi eo e tlaa thusa thata go rarabolola dikgang tsa borukutlhi, go bula diphatlha tsa mebereko mo motseng oo le mafelo a a mabapi.
“Ke leboga puso, le Tautona Masisi go menaganye ka gore o ne a re akantse rona ba re kwa tennyana teng. Se sengwe se re se tlhokang ke tsela, kana ke yone gape e e rokotsang ditlhabololo,” kgosi Manyoro a akgela.
Fa a tswa la gagwe, mookamela mapodisi a Middlepits, Superintendent Kebadire Mmopi o ne a re Khawa ke mongwe wa metse e e di gogang kwa pele mo dikgannyeng tsa borukutlhi, ka jalo o tshwanelwa ke go okelediwa ditlamelo tsa itshireletso, a re go agwa ga diofisi tsa sepodisi go raya gore jaanong banni ba Khawa le tikologo ba tlaa sireletsega ka mapodisi a tlaa bo a le gaufi le bone mme e bile ba oketsegile ka palo. A re mo nakong eno ba ntse ba thusiwa ke mapodisi a le mararo a a mo kgotleng jaanong ba ya go oketsega go nna bosupa.
Superintendent Mmopi a re kago eo e maleba ka jaana ba ntse ba thusa motse oo ba tswa kwa Middlepits, sekgala sa dikhilomithara di le masome marataro le botlhano mo tseleng ya lekgarapana mme seo se ne se baka tiego mo go thuseng banni.
A re dikgang tse di tshwenyang mo motseng oo ke tiriso botlhaswa ya bana ba bannye, bogodu jwa diphologolo le leruo, ka jalo ofisi eo e tlaa thusa go rarabolola dikgang tsa mofuta o.
Modulasetilo wa Khawa Kopanelo Development Trust, Mme Elsie Velskoen o ne a re ofisi ya sepodisi e tsile go ba thusa thata le mo pabalesegong ya bajanala ka Khawa e le lengwe la mafelo a boremelelo jwa Bojanala mo lefatsheng leno.
A re go tlhongwa ga kago eo go tlaa ba thusa thata ka nako ya Khawa Dune Challenge and Cultural Festival e go tlhokegang tshireletsego le thitibalo e e rileng, a supa fa motse oo o gola le bojanala bo gola.
A re fa dikago tsa sepodisi di le teng di tlaa thusa thata mo pabalesegong ya batho le dithoto tsa bone.
Mme Velskoen a re ka nako ya Khawa Dune Challenge and Cultural Festival go nna le mosuke o montsi ntswa go sena lefelo le mapodisi a ka thusetsang batho teng.
“Ofisi e, e tsile go fetola matshelo a rona mo Khawa. Re tlaa bona ditlamelo gaufi ka re ntse re nna le dikgwetlho tsa go diega ga mapodisi go tla kwano ba tswa Middlepits,” Mme Velskoen a tlhalosa, a re seo ke kgatelopele e kgolo mo motseng oo, ebile go supa gore puso e na le maikaelelo a go isa ditirelo le ditlamelo kwa Batswaneng.
Mongwe wa banni Mme Rebecca Osenoneng a re kago eo e tlaa ba thusa go wela dibete ka ba itse ba babalesegile, a supa fa melato e tshwana le thubetso le kgokgontsho e tshwenya.
Mokhanselara wa Khawa Rre Piet Bok le moemela mookamela mapodisi mo kgaolong ya sepodisi ya borobabongwe, Superintendent Dorcas Gaerole, molaodi wa kgaolo ya Tsabong Rre Levis Thupa le moemela kgosi ya Khawa David Manyoro ba ne ba jwala setlhare mo lefelong leo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : KHAWA
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 05 Sep 2024