Emisang go betelela - mogolwane
05 Sep 2024
Petelelo ke kgokgontsho ya bosetlhogo, e e tlhokang go emelwa ka dinao go fedisiwa.
Mookamela mapodisi a Bokspits, Superintendent Berman July o buile se mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi morago ga gore mosadi wa dingwaga tse di masome mane le borataro wa Rapplespan a betelelwe ke monna wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano.
Superintendent July o ne a tlhalosa fa tiragalo e diragetse ka Matlhatso bosigo gare gaufi le madirelo a dino kwa motseng oo.
Superintendent July o ne a tlhalosa fa mme yoo a ne a le mo ntlwaneng ya boitiketso kwa bareng eo, mme ya re a tswa a kgatlhantshiwa ke selalome se se neng sa mo gogela kwa sekgweng a ya go mmetelela teng le go mo keteka.
O boletse fa mapodisi ba ne ba tshwara mmelaelwa mo letsatsing le le latelang fa mme yoo a ne a isiwa kwa kokelong ya Tsabong kwa a neng a robadiwa mme a gololwa ka Mosupologo.
Supt July o ne a supa fa e tlaa re mo bogaufing mmelaelwa yo le ene a tlholegang kwa Rapplespan a isiwe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mo Tsabong mme fa a ka bonwa molato a ka atlholwa dingwaga tse di lesome kana go feta.
Supt July o boletse fa kgang e ya petelelo e le ya ntlha mo Kgaolong ya gagwe fa e sale ngwaga ono o simologa mme a gakolola borre go ikgapha mo go itseeleng dikobo ka dikgoka ka e le molato o o masisi.
O ne a tlatsa ka go gakolola bomme go ikela tlhoko ka dinako tsotlhe le gone go tsamaya le bapati ka dinako tsotlhe, bogolo jang fa go le bosigo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Bokspits
Event : POTSOLOSO
Date : 05 Sep 2024