Breaking News

Dithubaruba maphuthaditshaba

04 Sep 2024

Moletlo wa Dithubaruba wa mono ngwaga o tlaa tshwarwa ka Matlhatso ka fa tlase ga setlhogo se se reng; ‘Maropeng go a boelwa’. 

Setlhogo se, se na le bokao jo bontsi ka jaana Bakwena ba tlaa ikgata motlhala go ikgakolola se ba neng ba le sone ka nako ya maloba. 

Mo potsolotsong, morulaganyi wa moletlo, Rre Power Kawina a re go botlhokwa gore Bakwena ba itse ditso tsa bone le gore dikgosi tsa bone le morafe wa maloba ba ne ba tshela botshelo jo bo ntseng jang. 

A re dipaakanyo tsa moletlo di tsweletse sentle, ba malala a laotswe. 

Dithubaruba di mo ngwageng wa bo lesome le borataro mme ngwaga ono o tlaa nna pharologanyo ka jaana go tlaa nna le motshameko o o tlaa supiwang letsatsi pele ga Dithubaruba o o bidiwang Motswasele II. 

Rre Kawina a re motshameko o, o tswa mo bukeng e e supang ditso tsa Bakwena le paka e Motswasele II a neng a busa ka yone mme a tlatsa ka gore ba o tshwaraganetse le khamphani ya Wame Waves Productions ya tsa bodiragatsi. 

A re Dithubaruba di ya go simolola ka dikgafela ka nako ya lesome mo mosong mme ba eteletswe pele ke Kgosi Kgolo ya Bakwena Kgari III le Mohumagadi Mme Mma Tumagole. 

Rre Kawina a re e tlaa re morago Kgosi Kgari III a bule moletlo semmuso mme seo se dirwa ka gore ke ene mokwatla wa Dithubaruba. Morago ga seo, go lele setlhako go jewa monate mme seo se ya go dirwa ke ditlhopha ka go farologana ga tsone. A re go na le ditlhopha di ka nna masome a mane tse di yang go tsaya karolo  go natifisa letsatsi go akaretswa phathisi, borankana, dikhwaere le mebino e mengwe ya merafe ka go farologana. 

A re ka jaana moletlo o wa Bakwena o le motona, ba solefetse baeng go tswa kwa Afrerika Borwa mme Bafokeng ba ya go nna teng ba eteletswe pele ke Kgosi Leruo wa Phokeng. 

Kgosi Kgabo go tswa Limpopo o ya go tla a eteletse pele morafe wa gagwe, fa Mma Mogale wa Bethani a tla le morafe wa gagwe.  

A re ba solofetse le Baphalane ba eteletswe pele ke Kgosi Ramokoka le morafe go tswa kwa Namibia ba eteletswe pele ke Kgosi Mokwena. 

Rre Kawina o ne a tlatsa ka gore go tswa kwa Lehurutshe, Kgosi Gopane le ene o tla a tla ka morafe wa gagwe mme seo ke tshologelo e e kowa godimo fela thata. 

A supa fa le merafe ya Botswana ka go farologana e tlaa nna teng jaaka Balete, Bakgatla le Bangwaketse. 

A re ba itumedisiwa ke gore moletlo wa Dithubaruba o tsweletse ka go tshwaraganya merafe ya Bakwena lefatshe ka bophara a re seo se thusa gore ba itsane mme ba godise botsalano jwa bone.

Morulaganyi a re e re ka jaana lefelo la moletlo le le lebotlana, ba ya go tshwarela moletlo mo sebatleng mme seo se tlaa fa ditlhopha tsa borankana go binela mo lefelong le le ba siametseng go dira jalo ka bokgabane. 

Rre Kawina a re ditlhopha di ya go duelelwa go natefisa letsatsi leo, e le tsela nngwe ya go ba tiisa moko le go duelelwa mefufutso ya diphatla tsa bone. 

O ne a supa fa go na le tlhaelo ya boroko mo motseng wa Molepolole ka jaana dikgwebo tsotlhe tsa boroko di setse di tetse mme a kopa ba ba nang le boroko go ba tswa thuso. 

Rre Kawina a re ba itumelela gore Dithubaruba di na le seabe sa go oketsa letseno mo dikgwebong tsa mo gae mme ebile go na le baapei ba ka tshwara lesome le bobedi ba ba yang go nna le sebaka sa go apaya kwa moletlong. 

A re ba solofetse bajanala ba ka tshwara dikete tse thataro mme seo se supa kgolo ya moletlo wa Dithubaruba jaaka dingwaga di ntse di tlhatlologana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 04 Sep 2024