Setshaba se tsibosiwa go ipabalela
03 Sep 2024
Setshaba se tsibositswe go ipabalela gotlhe le dithoto tsa sone jaaka go le paka ya melelo.
Paka ya melelo e simolola kgwedi ya Motsheganong e rogwa go ya kwa go Ngwanatsele ka ntlha ya diphefo le komelelo ya bojang le ditlhare.
Mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa Lephata la Dikgwa le Dibapalwa Nageng mo kgaolong ya Chobe Mme Boitumelo Suping o tlhalositse fa lephata la gagwe le tshwere diphuthego go tsibosa setshaba le batsaya-karolo ba ba farologanyeng ka paka e, ebile ba dirile maiteko a go baakanya didirisiwa tse di timang molelo di akaretsa dikoloi le tse dingwe.
Mme Suping o supile fa lephata le dirile maiteko a go sekaseka kgaolo go bona kwa naga e leng matshosetsi teng kwa molelo o ka se laolesegeng ka jalo ba fokotsa bokete jwa bojang ka go bo tshuba mo go laolesegang.
A re ba tshwaragane le Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae go simolodisa lenaneo la go dirisa baithaopi go thusa go ka tima melelo ya naga.
Mme Suping a re baithaopi ba, ba fiwa dikatso ka lenaneo la Ipelegeng.
Mogolwane o supile fa mo kgaolong ya Chobe go na le baithaopi ba le 55 go tswa mo metseng ya Pandamatenga, Mabele, Kavimba, Satau le Parakarungu.
A re gangwe le gape baithaopi ba a rutuntshiwa go ba fa dikitso tse disha tsa go tima molelo, a tlatsa ka gore botlhe ba ba akareditsweng mo tirong ya go tima molelo ba tlhatlhobilwe mo go tseneletseng ke ba bongaka go tlhomamisa fa ba itekanetse.
Mme Suping o rotloeditse setshaba gore fa ba dirisa molelo kwa merakeng, masimong, dikgwebong kana itloso bodutu mo sekgweng ba tlhomamise gore ba o timile.
A re ba na le tomagano le ba ba ikemetseng jaaka bo Caracal/ Enviro 911 ba na nang le maranyane a a supang kwa melelo e leng teng ba bo ba ba tsibosa nako e sale teng ebile a re ba rotloetsa bagwebi ba tsa bojanala go dira dikganedi tsa melelo mo madirelong a bone le go thusa go lwantsha melelo ka go ntsha dithuso ka go farologana.
O tlhalositse fa paka e e fetileng ya melelo go shele selekanyo sa di ekere di le 18, 537 kwa dikgaolong tsa Pandamatenga, meraka ya CH 256, mafelo a letsomo a CH 8 le CH12 le Savuti mme go le dingalo go tsena mo mafelong a ka bontsi ka ntlha ya dikgwa tse di kitlanyeng.
Le fa go ntse jalo, Mme Suping a re lefatshe la Botswana le la Australia a tsene mo tumalanong go thusa la Botswana ka botsipa jwa sesha jwa go lwantsha melelo.
A re bongwe jwa botsipa jo, ke go tshuba bojang go fokotsa bokete, a kaya fa motlhale o o bidiwa International Savanna Fire Management Initiative Project ebile o dirisa maranyane go kanoka gore bojang bo siame go tshubiwa mo go babalesegileng .
Mme Suping o kaile fa tiriso ya sefofane go tshuba naga le tiriso ya maranyane go bona le go tsibosa kwa molelo o shang teng e le dingwe tsa metlhale ya go lwantsha melelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : Kasane
Event : Potsolotso
Date : 03 Sep 2024