Kereke e na le seabe go aga setshaba
03 Sep 2024
Bogogi jwa kereke ya Healing Saints Apostolic bo rotloeditswe go tswelela bo godisa bana ba ba nang le boleng jwa go tsoga e nna baeteledipele ba ba eletsegang.
Ke ka moo kereke e leng botlhokwa mo go ageng setshaba se se nonofileng.
Mopalamente wa Serowe bokone Rre Baratiwa Mathoothe o buile se ka matlhatso fa a ne a buisa maloko a Healing Saints Apostolic kwa bokopanong jwa bone jwa ngwaga le ngwaga kwa Serowe.
A lebogile bogogi jwa kereke eo go bo ba na le bana ba bantsi mo kerekeng.
A re go godisetsa bana mo tumelong go ba fa boikarabelo le bokamoso jo bo siameng ka ba golela mo bokaeding jo bo maleba go na le ngwana yo o golang a sa itse Modimo.
Mopalamente o supile fa kereke e le botlhokwa mo lefatsheng ka e kgona go aga boitsholo jwa motho.
A re e thusa motho go dira tse dintle.
O akgotse ba ba boneng go le maleba gore kereke ya bone e nne teng a bo a ba kopa go re ba e godise jaaka gotwe e na le disekete tse supa.
A re lefatshe le le nang le batho ba ba itseng Modimo le nna ka thitibalo, ledula le kagiso, a bo a ba kopa go tswelela ba rapela gore go nne le kagiso mo lefatsheng ka bophara.
Mo kgothatsong Archbishop Tshenolo Pansiri a re bokopano jwa bone ke jwa bone, a kopa gore ba itse gore ga se nako ya go gagautlhana le go supana ka menwana.
O kopile maloko go itse gore a tsile go baakanya le go godisa kereke a yone ka tsotlhe tse ba di tshwereng.
Archbishop Pansiri o ba lemotshitse gore jaaka moono wa bone wa bokopano jwa ngwaga e le; Lefika La motheo o o nonofileng, ba tshwanetse go itse gore ke bone motheo o o nonofileng wa Modimo, a tlatsa ka gore modimo o agetse tempele ya gagwe mo go one.
Archbishop Pansiri o ile a tswelela a ba bolelela gore mebele ya bone ke tempele ya modimo le gore ba thaetswe mo lefikeng la gore maikaelelo a modimo a diragadiwe.
O ne a ba kopa go godisa tumelo le go gogela ba bangwe mo modimong ka lebaka la gore lefatshe le setse le tlhakatlhakane mme le tlhoka dithapelo tsa bone gore go rene kagiso.
A tswelela ka gore ba tshwanetse go itse gore bakeresete ke lesedi le le tlhomilweng mo lefatsheng gore mang le mang fa a bona esedi le a bone poloko, mme poloko eo, e mo go bone e le barapedi.
O ne a ba kopa go nna ka boikokobetso fa pele ga Modimo ka e le one o batlang batho ba ba ikokobetsang ka nako tsotlhe, a sa rate maikgogomoso ka gore ke Modimo o o lefufa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : Serowe
Event : Bokopano
Date : 03 Sep 2024