Ba Tshesebe ba ikaelela go aga leobo la manobonobo
02 Sep 2024
Morafe wa Tshesebe kwa Bokone Botlhaba o itsolopantse go netefatsa gore kago ya leobo le ba le eleditseng la kgotla e a atlega.
Maikaelelo ke go aga leobo la kgotla la manobonobo, le le tlaa bong le na le diofisi tse pedi, ntlo lehalahala, ntlo ya boapeelo, le matlwana a boitiketso a le mane nngwe e le ya ba-na-le bogole.
Ka jalo ba iketeile ka thupana go kokoanya madi a a tlaa ba thusang go fitlhelela toro ya bone.
Ka Tshipi ba ne ba le mo mogwantong o o duelelwang wa dikhilomithara tse masome mabedi e le tsela nngwe ya go kokoanya madi.
Kwa bokhutlong jwa mogwanto, Kgosi Motlotlegi Kachana wa Tshesebe o akgotse morafe go bo o tsentse marapo dinameng, go tlhomamisa gore ba fitlhelela toro ya bone.
A re go ralala serame se segolo sa moso go supa fa e le ruri ba nyoretswe tlhabololo e.
Kgosi Kachana o ne a ba gwetlha go emela motse wa bone ka dinao, ka go itirela ditlhabololo tse ba di eletsang go na le go ikaega fela mo pusong, a re go itirela go molemo.
O lebogile mogwanti mogolo, mogolwane wa Technology and Technical Services kwa moepong wa Debswana mme gape a tlholega kwa Tshesebe, Rre Bakani Motlhabani.
Kgosi Kachana a re go amogela taletso ya bone go supa a na le lorato mo motseng o a goletseng mo go one.
Rre Motlhabani o ne a supa a le motlotlo go bo morafe o ne wa mo supa go nna mogwanti mogolo, a tlatsa ka go re e ne ya re a amogela taletso a seka a leba kwa morago mme ka jalo a tla go tsaya karolo.
A re ba lome melomo ya tlase go tsweledisa ditlhabololo tsa motse, a re leobo le le akantsweng le tlaa ntlafatsa tebego ya Tshesebe.
A re mogwanto o mosola gape mo itshidilong ya mebele, a re banni ba tseye tsia itshidilo mmele ka e thusa go tila malwetse a a sa tshelanweng.
Rre Motlhabani o ne a ntsha P84 800 mme batsena mogwanto ba kokoantse P557 ka motshameko wa go duelela ditilo tse ba neng ba di ntse.
Modulasetilo wa komiti ya dithulaganyo tsa kago ya leobo, Mme Colinah July a re ke seemo sa leobo le le leng teng mo nakong eno se a tlhobaetsa.
Kgosi Kachana o ne a itsese komiti ya bana ba ba tlogetseng tiro ba motse, mme a ba rolela toro ya gagwe mabapi le kago ya leobo.
A re ba ne ba atla mogopolo, mme wa lebisiwa morafe, o le one o neng wa o nesetsa pula, ka jalo ga bopiwa komiti e e lebaganeng le dithulaganyo tsotlhe, go akarediwa le go kokoanya madi.
A re ba setse ba kokoantse madi ka thekiso ya dijo, mogwanto ga mmogo le go ikanapa dipata ga morafe le dikomiti tsa motse, go ya ka dielo tse ba di beilweng pele.
A re madi a ba a kokoanyang a tlaa tlaleletsa mo go P300 000 yo o fiwang dikgaolo tsa botlhophi, a tlhalosa fa moalo wa leobo leo o supa fa le tlaa lopa P1 734 825.
Bangwe ba ba tsena mogwanto e ne e le mokhansera wa kgaolwana ya Tshesebe, Rre Smarts Mathonsi le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Daniel Moipolai, ba ba neng ba kopa morafe go ema nokeng komiti ya kago ya leobo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Tshesebe
Event : Mogwanto
Date : 02 Sep 2024