Breaking News

Lephata la Thuto le aba dietsele

02 Sep 2024

Kabo dietsele ke tsela nngwe ya go rotloetsa phadisano, go tiisa batho le makalana ka go farologana moko, le go dira ka natla mo ditirong tsa bone.

Go itoma molomo wa tlase ga bodiredi konokono mo go ntsheng maduo a a itumedisang.

Mookamedi wa lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso wa Bokone Botlhaba, Rre Labane Mokgosi o buile se jaaka lephata la  gagwe  le ne le tshwere moletlo wa ngwaga le ngwaga wa go abela barutabana, baithuti le badiri dietsele, go bo ba dikile ba dirile ka bokgabane mo tirong.

Moletlo oo, o o neng o tshwaretswe kwa sekoleng se segolwane sa Masunga bosheng o ne gape wa lemoga dikole tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba tse di dikileng di dirile sentle mo ditlhatlhobong le tse di supileng tokafalo.

A re e sale mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, dikole tsa kgaolo ya gagwe di ntshitse maduo a mantle, ka jalo a re maikaelelo a bone ke go tshegetsa serodumo seo go ya go ileng.

Rre Labane a re ga go abelwe motho ka go bo a itlhomile kwa tlhogong, mme go abelwa ba ba kgonneng go fitlhelela seelo se se beilweng. 

Rre Labane o ne a leboga botlhe ba ba ba emeng nokeng gore tiro eo e atlege, a supa fa dikhamphani dingwe ka bongwe ka bongwe di ne tsa itlhophela baabelwa bangwe go ba abela dimpho ka go farologana go ba rotloetsa go tswelela ba dira ka natla.

Sebui sa tlotla, mogolwane kwa moepong wa Lucara, Mme Letsebeng Selawe o ne a leboga barulaganyi le barotloetsi ba kabo dietsele eo, a re letsatsi leo le botlhokwa thata ka le fa ba ba abelwang dietsele sebaka sa go itumelela go dira ka thata le katlego.

A re go a itumedisa go bo dikole tsa Bokone Botlhaba di na le makgetho a le mmalwa di itlhoma kwa pele mo maduong a ditlhatlhobo go ya ka go tlhatlologana ga mephato, a re ao ke maiteko a di tshwanelwang ke go a akgolelwa.

Mme Selawe a re go botlhokwa gore batho ba tlhaloganye gore maikaelelo magolo a thuto ke go tlhabolola itsholelo ya lefatshe, ka jalo a re setlhogo sa letsatsi se se reng; Transformative Thinking and Transformative Learning in the Mindset Change Era, se supa botlhokwa jwa gore go fetolwe ka fa go ntseng go dirwa dilo ka teng mo mhameng wa thuto.

A re Lucara Diamond Mining Company ga e tseye karolo fela mo go godiseng itsholelo ya lefatshe leno, mme ba tsaya karolo gape mo go busetseng sengwe mo setshabeng ka ditsela tse di farologaneng.

A re ka thuto ya maemo a a kwa godimo e le lengwe la matshego a ba ikaegileng ka one kwa Lucara, ba itlamile go ema nokeng dikole ka maikaelelo a go godisa seemo sa thuto, a tlatsa ka go re ka letlole la bone la tsa bopelotlhomogi, ba tlaa rolela sekole se se sebotlana sa Masunga di porta cabin.

Dibui ka go farologana di ne di gatelela botlhokwa jwa go goga mmogo, go ntsha maduo.

Ba ne ba kgalema kgatlhanong le makgamu mo dikoleng, ka seo se ka folodisa maiteko a go ntsha maduo.

Mo dikoleng tse dipotlana, sekole sa Gungwe se ne sa fiwa tlotla ya go bo se ne sa itlhoma kwa tlhogong mo dtlhatlhobong tsa 2023, fa sa Patayamatebele se tokafaditse go di gaisa tsotlhe.

Mo letlhakoreng la tse dikgolwane, sekole sa Setlalekgosi Junior Secondary School e nnile sone se se gaisitseng fa sa Selolwe JSS se tokafaditse maduo mo go eletsegang.

Sekole sa Masunga Senior se ne sa feta ka tse di tsididi ka go gaisa balekane ba sone mo kgaolong mme sa Mater Spei College sa fiwa tlotla ya se se tokafaditseng maduo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Kabo dimpho

Date : 02 Sep 2024