Breaking News

Mokgatlho o ba tlodisa melatswana

20 Aug 2024

Maloko a mokgatlho wa Thusang Basadi kwa Manyana ba akgoletse mokgatlho oo tshegetso e ba e amogelang go tswa mo go one.

Maloko a boletse fa boloko jwa bone bo ba sologela molemo ka ditsela tse di farologanyeng.

Ba buile se kwa ditshupong tsa temo-thuo tse di neng di tshwerwe kwa Moshupa bosheng, kwa mokgatlho oo o neng o ba tlhometse motlaagana.

Mme Sophie Sentsinyane yo a nnileng leloko la Thusang Basadi go simolola ngogola, a re mokgatlho o, o botlhokwa ka o neela maloko sebaka sa go adima madi le go anywa maele mo go bomme ba bangwe ba ba mo dikgwebong tse di potlana.

A re ba rutwa ka fa kgwebo e tshwanetseng go tshwarwa ka teng gore e seka ya phutlhama, a supa fa kgwebo ya gagwe ya go rekisa diaparo  gangwe le gape a digwa ke go jela mo ganong le go kolotisa.

Mme Bonyana Segwagwe a re o kopane le mokgatlho o, ka 2008 morago ga go kgaolwa kwa tirong.

A re mohiri wa gagwe wa pele o ne a ba lomaganya le mokgatlho wa The Business Place o o rutang ka kgwebo.

Mme Segwagwe a re mo maitekong a go ba bula matlho ka tsa kgwebo, The Business Place e ne ya ba biletsa ba Thusang Basadi go ba tlhatlhelela ka dithuso tse e di fang, mme a seka a ipona tsapa go ikamanya le mokgatlho oo.

Mme Segwagwe yo e leng mogwebi yo mmotlana wa kapei le thekiso ya dijo, a re le fa a ise a akole dikadimo tsa madi go tswa kwa Thusang Basadi, o itumelela go bo mokgatlho o mo fa sebaka sa go ithuta mo go bomme ka ene ba ba mo dikgwebong tse di potlana.

Mme Annastaciah Segwagwe a re o nnile leloko ka 2022.

Mme Segwagwe yo o thusitsweng ke Lephata la Merero ya Bomme ka P215 000 ka 2017 go tsena mo kgwebong ya temo ya merogo, a re boloko jwa Thusang Basadi bo botlhokwa ka bo mo fa sebaka sa go adima madi go tsamaisa kgwebo ya gagwe.

A re sengwe se a se ratang ka mokgatlho o, ke go fa maloko a one maele a go emelana le dikgwetlho tsa kgwebo, selo se a kaileng fa se thusa dikgwebo go itsetsepela kgatlhanong le diemo tse di ka di phutlhamisang.

Modiri wa Thusang Basadi Mme Omaatla Gaolaolwe a re mokgatlho wa bone o thusa bomme go ipolokela madi le go a adima go godisa dikgwebo.

A re go nna leloko, mme o tshwanetse a bo a na le kgwebo, a tlhalosa fa ba sa thuse maloko go simolodisa dikgwebo.

Mme Gaolaolwe, yo o tlhokometseng dikgaolo tsa Moshupa, Kanye le Jwaneng a re Thusang Basadi, e e thailweng ka 1989 e itebagantse fela le bomme ba dikgwebo tse di potlana, maikaelelo e le go ba thusa go itshetlela mo mererong ya tsa kgwebo.

A re mokgatlho wa bone o oketsa maiteko a mananeo a puso a a diretsweng go thusa go ntsha bomme mo lehumeng, a re se se botlhokwa segolo jang ka dipatlisiso di setse di supile fa ba tshabelelwa ke go kokonelwa bobe ke lehuma.

Mme Gaolaolwe a re seabe sa bone mo go tlhabololeng bomme ba bagwebi ba ba botlana se a bonala ka maloko a bone a magologolo a itemogetse kgolo mo dikgwebong tsa bone.

A re mokgatlho wa bone gape o thusa le ditlhopha le makgotla ka go farologana a akaretsa le dikereke ka ditirelo tsa go boloka madi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Majoto

Location : MOSHUPA

Event : Ditshupo

Date : 20 Aug 2024