Breaking News

'Itshidilo mmele e botlhokwa'

20 Aug 2024

Go itshidila mmele le go itlhokomela go botlhokwa ka go thusa mmele go itekanela le go lapolosa le tlhaloganyo.

Ke ka moo go leng botlhokwa mo go  botlhe go kgathala ka botsogo jwa bone, le go tlhokomela gore tsotlhe tse ba di dirang le tse ba di jang di siametse mebele ya bone.

Mogolwane kwa lekalaneng la National AIDS and Health Promotion Agency (NAHPA), Rre Ndiye Letsholathebe o buile se ka letsatsi la itshidilo mmele la badirelapuso le banni ba Tutume bosheng.

Rre Letsholathebe a re mo tirong ba tshwanetse go tsaya batho ka go lekalekana go re mongwe le mongwe a kgone go tshela mo tikologong e e amogelesegileng.

A re boeteledipele bo tshwanetse go tsaya bodiredi ka tekatekano le go rotloetsana gore mongwe le mongwe a ikutlwe a amogelesegile e bile a na le seabe.

O boletse fa go sa itumela go le borai ka go felela go ama botsogo jwa motho mme a kopa maphata go nna le komiti ya botsogo le lebokoso la megopolo e e amang badiredi, gore ba kgone go baakanya fa ba sa direng sentle teng le go tokafatsa botsogo jwa bone.

Rre Letsholathebe o ba kgothaditse go nna ba kopa itshidilo maikutlo le bogakolodi fa ba sa tsoga sentle mo tlhaloganyong go itsa go ama botsogo jwa bone le maduo mo tirong.

Modulasetilo wa lekgotla la Kabo Ditsha kwa Tutume, Dr Phillimon Motsu o kopile batho go fetola maikutlo, maitsholo le ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng, go dira se se siametseng botsogo jwa bone.

Dr Motsu a re boitekanelo konokono mo botshelong jwa motho ka jalo, a ba rotloetsa go nna ba ipha nako ya go itshidila mmele.

O boletse fa go itshidila mmele le go itlhokomela mo malwetseng a a sa tshelanweng a tshwana le jwa sukiri le madi a matona, go ka fokoletsa puso mokgweleo wa go tlhokomela batho ba malwetse a.

O gwetlhile badiri go tshwenyega ka botsogo jwa bone mme ba tswelele ka go senka ditsela tse di tlaa dirang gore ba nne le botsogo jo bo itekanetseng. 

Maikaelelo a letsatsi le, e ne e le go nna le neelano ga badirelapuso ba kgaolo ya Tutume, go godisa tshwaragano, tirisanyo mmogo le botsalano mme kwa bofelong go nne le maduo a a eletsegang.

Maikaelelo a mangwe e ne e le go rotloetsa bodiredi go nna le letsatsi la go itshidila mmele le go itlhatlhobela malwetse ka go farologana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 20 Aug 2024