Breaking News

Barui ba kopa puso go sekaseka molao

19 Aug 2024

Barui mo kgaolong ya Kweneng ba kopile puso go sekaseka molao wa dikatso tsa tshenyo e e bakwang ke diphologolo tsa naga kwa masimong le mo merakeng ya bone.

Barui ba buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke puso le eteletswe pele ke ba Mmadikolo ka fa tlase ga lekalana la Okavango Research Institute ga mmogo le ba Lephata la Diphologolo Makgabisa Naga kwa mo Molepolole ka Labotlhano Phatwe a le lesome le borataro.

Barui ka go farologana ba ntshitse maikutlo gore kgotlhang magareng ga batho le diphologolo e ka tsibogelwa jang le gore molao o ka tokafadiwa kgotsa wa baakanngwa fa kae.

Mongwe wa barui, Rre Aobakwe Banamile, mo boemong jwa barui ba ba ikopantseng ba I-11 Farming Cluster, o tlhalositse fa a ruetse kwa kgaolong ya Salajwe, mme mathata a barui ba kgaolo eo e le bonkwe le makanyane, tse di apesitseng  barui kobo ka letshoba.

A re ba lwa le bonkwe ngwaga otlhe ka go sena nako kgotsa paka e gotweng ba tla ka yone. 

Rre Banamile a re dibatana tse, di akaretsa le matlhalerwa, mme barui ba ithusa ka go di tsoma ba di bolaya ka dikatso tsa tshenyo go tswa kwa pusong ke lemmenyana fela le e seng la sepe. 

A re dibatana di tshwana le ditau tsone di tla ka sewelo kwa kgaolong ya bone.

A re kakanyo ya bone ke gore puso e lebelele molao, e o baakanye go itepatepanya le dinako tsa segompieno mme gape molao o, o leke go tsibogela dilelo tsa Batswana. 

A re puso e ka dira se ka go oketsa madi a katso fa motho a senyeditswe ke sebatana go tswa mo go P350 yo o beilweng. 

A re se se botlhoko ke gore dikatso tse ga di dirwa, ga go lebelelwe gore dibatana tse di bolaya dikgomo tsa mofuta ofe, a bolela fa mo dinakong tsa gompieno barui ba tsaya matsapa go tlhabolola leruo la bone ka matsopa a a tlhwatlhwa e e kwa godimo.

Ka jalo o kopile puso go oketsa dikatso go lebilwe gore leruo ke la mofuta kgotsa letsopa le fe le gore leruo le ke la bong bofe, a re  poo fela e le nosi e le turu e bile e le lehumo la morui.

Molemi morui, Rre Basima Basima a re diphologotswana di tshwana thwane, nakedi, phokojwe, leselamotlhaka, noko le tsone di a tshwenya mme di akarediwe mo dikatsong fa di senyeditse batho. 

A re le ene o dumela gore nako e tsile ya gore molao o sekasekwe mme go akarediwe diphologolo tsotlhe tse di bakang tshenyo mo leruong le mo dijwalong mo masimong, a tlhalosa fa diphologotswana tse dingwe di senya bosigo mme e bile tshenyo ya tsone e le kgolo mo e humanegisang motho.

Rre Mothusi Mogootsane yo le ene e leng molemi morui, a re go na le diphologolo le dinonyane tse di bakang tshenyo e e seng kana ka sepe mo masimong. 

A re dikgaka di tsentse balemi fa le fa, mme go sa letlelelwe go di bolawa. 

O kopile puso gore melao ya ditlhobolo e repisiwe ka fa go sa nne jalo, go tlaa dira gore bangwe ba nne le ditlhobolo e se ka fa molaong mme seo se rotloetse borukutlhi. 

Fela jaaka dibui tse dingwe o kopile puso go sekaseka molao wa dikatso gore batho ba atswiwe mo go tshwanetseng.

Rre Gaotlhobogwe Kwelagobe o iteetse kobo moroko mafoko a a builweng ke dibui tse dingwe a supa fa ditshwene e le sera, bogolo jang mo masimong. 

A re di kgona go ja dijwalo mo ekereng mo oureng e le nngwe fela. 

Rre Kwelagobe a re di kotsi ka gore ke diphologolo tse di tsamayang ka segopa,  ka jalo fa di bone sebaka tsa tsena mo tshimong, molemi o sala ka go rwala mabogo mo tlhogong. 

A re diphologotswana tse dipotlana di tshwana sekatamosima le tsone di tshwanetse tsa lelwa tlhoko ka bontsi jwa tsone di busetsa maiteko a mananeo a puso kwa morago ka go tlogela  balemi ba iphotlhere, ntswa ba tsere mananeo a puso a tshwana le la Temo-Letlotlo. 

Rre Clifford Manka, a emetse barui ba dikoko ba Kweneng Poultry Cooperatives, a re balemi ba kgaolo ya Kweneng ga ntsi ba tshwenngwa ke ditholo. O supile fa di le borai ka jaana di kgona go tlola terata e e kwa godimo mme e bile gape di senya bosigo.

A re bontsi jwa balemi ga ba kgone go tsenya terata e e kwa godimo ka e le turu.

 O kopile puso gore fa ditholo di sentse, balemisi ba tle kwa tshimong go tla go kanoka tshenyo, ba phimolwa dikeledi gore ba kgone go tia moko go tlhokomela masimo. 

Rre Manka, o ne a kopa gore ba thusiwe ka koparase ka go batlelwa lefatshe le go ka tlhatlhelwang diphologolo tse teng. 

A re go tlaa nna go tsewa mo go tsone di isiwa mafisa kwa go ba bangwe go rotloetsa ba ba ikopetseng lenaneo la thuo ya diphologolo.

O tsweletse a re barui ba dikoko ba tshwenngwa ke leselamotlhaka. A re le ja dikoko bosigo, di na le dinakedi le bophiri. 

Rre Manka o kopile puso gore e re fa diphologolo tse di jela morui dikoko, ba atswiwe ka palo ya dikoko tse di jelweng.

Rre Tefo Kebabope le ene o dumalane le barui ba bangwe gore puso e fefogele go sekaseka molao, batho ba atswiwe mo go botoka ebile ka nako. 

A re puso e ka dirisa maranyane go ntsha molaetsa wa tlhagiso bogolo jang mo diphologolong tse di borai, go ba tsibosa di sa ntse di le kgakala fa di tla kwa merakeng ya bone.

Motlhatlhelela dithuto kwa Okavango Institute of Research Professor Olekae Thakadu le lekoko la gagwe ba amogetse dikakanyo le dikakgelo tsotlhe ka oo mabedi a tlhalosa fa thomo ya bone e tswa kwa pusong go loga leano le itebagantse le kgotlhang ya batho le diphologolo morago ga gore puso e lemoge gore kgotlhang e, e a ntsifala ka diphologolo tse di setse di tsamaya gongwe le gongwe mme di tsisa tshenyo fa di tsamayang teng.

A re ba setse ba tsamaile le metse e ka tshwara lesome mo kgaolong ya borwa go tsaya megopolo mo Batswaneng gore e re kgwedi eno e fela, ba bo ba setse ba kgonne go soboka megopolo e yotlhe mo mokwalong mme o isiwe kwa palamenteng ka ke yone e dirang melao. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : Phuthego ya temo-thuo

Date : 19 Aug 2024