Breaking News

Kgosi Kelosiwang o bolokilwe kwa Kanye ka Tshipi

12 Aug 2024

Dibui kwa phitlhong ya ga Kgosi Daniel Kelosiwang, kwa Kanye ka Tshipi, di mo kaile a ne a rata temo-thuo e bile a ne a e tsaya ka tlhwaafalo.

Kgosi Kelosiwang o kailwe fa a ne a tsaya temo-thuo jaaka kgwebo, a dira ka gotlhe gore a atlege mo go yone e bile a eleletsa ba bangwe katlego.

Molemi ka ene, Rre Peter Siele o tlhalositse fa Kgosi Kelosiwang a ne a le pelo-tshweu go amogana dikitso tsa gagwe tsa temo-thuo le ba bangwe, selo se a reng se ne se okela batho kwa go ene go ya go anywa maele.

Rre Siele yo a neng a le mopalamente wa pele wa kgaolo ya nako eo, ya Ngwaketse Borwa a re moswi o ne a tsaya ka tlhwaafalo dithuto tsa selemisi, mme seo sa dira gore a dire bontle mo temo-thuong.

A re pele ga boipuso, temo-thuo e ne e na le seabe se segolo mo go tshegetseng itsholelo ya Botswana mme a tlhalosa fa seo se ne se dirwa ke go tshwara ka natla ga balemi-barui ba selebego sa ga Kgosi Kelosiwang, ba ba neng ba tlotla tiro ya bone.

Tsala ya gagwe, Rre Marcus Rowland o ne a gatelela kgang ya lerato la ga Kgosi Kelosiwang mo temo-thuong, a re o ne a dumela mo go tlhabololeng leruo la gagwe.

Mo godimo ga moo, Rre Rowland a re moswi o ne a rata batho, a le bonolo mme gape a rata dilo tse di tlhamaletseng e bile di dirwa ka thulaganyo.

Morwadie moswi, Mme Tsholofelo Malatji o boletse fa rraagwe a ne a le lerato gape a le bonolo.

Mme Malatji a re Kgosi Kelosiwang o ne a rata maduo a mantle, a sa rate tiro epe e ka dirwa ka go latlhelelwa.

A re morago ga go tlogela tiro ya bogosi, o ne a tswelela a letlanya batho, a re o ne a ka seke a buse ope yo a neng a tlhoka thuso ya gagwe ka mabaka a gore ga a sa tlhole a tshegeditse tiro ya bogosi.

Kgosi Kelosiwang, o tlhokafetse kgwedi eno e rogwa, a le dingwaga tse 98.

Morago ga go direla kwa meepong kwa Aferika Borwa le go dira mo lephateng la botsogo jwa leruo monogae, o ne a tlhongwa kgosana ya Goora-Mongala kwa Kanye ka 1993.

A re morago ga go tlogela kwa kgotleng Yoora-Mongala ka 2016, o ne a ya go tsweledisa go direla morafe wa ga Ngwaketse kwa kgotleng-kgolo ka go fa bogakolodi e le mongwe wa batsadi mo morafeng.  BOKHUTLHO

Source : BOPA

Author : Keonee Majoto

Location : KANYE

Event : Phitlho

Date : 12 Aug 2024