Tona Autlwetse o galaletsa kereke ya Eloyi Christian
12 Aug 2024
Boeteledipele jwa kereke ya Eloyi Christian Church lefatshe ka bophara bo galaleditswe go kgona go dira dingwaga di le masome a marataro le boferabongwe go sena se se e tshikinyang.
Go nna teng ga kereke ke tshegofatso e e tswang mo Modimong e bile go supa gore kereke e, e tshegeditswe ke boeteledipele jo bo tiileng, bo tsepame, bo sa sokama, bo aga, bo sa phatlalatse e bile bo boifa Modimo,
Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae Motlotlegi Kgotla Autlwetse o galaleditse kereke e ka Matlhatso kwa Palapye jaaka fa a ne a bula semmuso bokopano jwa borre ba kereke ya Eloyi jwa ngwaga le ngwaga.
A re borre ba kereke ya Eloyi ba kopane go tla go bua boammaaaruri, go tla go kgala ditiragalo tse di sokameng, go rotloetsana le go ikaga e le borre fela mme eseng borre fela e leng borre ba tumelo.
A re kereke ya Eloyi e tshwanetse e ipele ka ditso le motheo wa yone o o tsepameng ka e sale e tlhamilwe ka ngwaga wa 1955 ke Archbishop Jakoba Keiphile kwa Tsetsebye mme a tlhokafala ka ngwaga wa 2021.
A re katlego ya kereke ya Eloyi e tshwanelwa ke go akgolwa le go opelwa legofi ka e na le motlhala o o popota, o o supang ditso e bile e na le seabe se e se dirileng mo lefatsheng leno go fitlhelela mo nakong eno. A re mo nakong eno go supafala fa kereke eo e na le makalana a feta 226 go ralala lefatshe ka bophara mme makalana a yone a mangwe a le kwa lefatsheng la South Africa
O ne a re re setlhogo sa bokopano joo jwa borre se se reng; “Go fa borre dithuto tse di tlaa ba rutang go farologanya rre le rre tota kana rre wa motia’’ ka tsholofelo e le gore borre ba motia ba tshwanetse go bonala mo seemong sa ba ba tshwanang le ba Eloyi ba ba kileng ba tlhapisiwa ka madi a kwana.
A re borre ba tlhokana le go rotloetswa go bua ka dikgwetlho tse di ba lebanyeng ba sa tshabe gore go buiwe ka maina a lenyatso gotwe ba bokoa.
Rre Autlwetse o ne a supa fa bokopano joo bo tsile ka nako e e maleba ka gore bo leka go itebaganya le ditumelo tsa borre mo setshabeng kana mo botshelong le go rotloetsa kgolo le go tsaya ketapele mo go borre mo setshabeng.
A re bokopano bo tlaa tlhatlhelela borre ka maele le dikitso tsa gore ba ka tsaya boikarabelo jang mo diemong tse ba kopanang le tsone.
O ne a akgola ba ba ntseng ba leka go dira se se tshwanetseng le go ruta batho go fetola tse ba ntseng ba di dira mme di ka seka tsa ba fitlhisa kwa tshiamong.
O ne a supa fa a na le tumelo ya gore phetogo e tona e tlaa diragala fa borre bao ba kopana ba buisanya ka tse di ba amang.
Rre Autlwetse o ne gape a supa fa a dumela fa bokopano bo tla a letla borre go sekaseka tsela e ba e tsereng le e ba saletseng kwa morago ka yone fa go buiwa ka dikgang tsa tekatekano ya borre le bomme le gore ba tlaa dira eng gape gore ba nne borre ba ba eletsegang,
A re rre jaaka e le tlhogo ya lelwapa o tshwanetse a nna sekao a sega tema le go tshegetsa serodumo sa tema e a e segileng a sa itimokanye.
Rre Autlwetse a re maloko a dikereke ka go farologana a tshwanetse a fetoga fela jaaka Motlotlegi Tautona Dr Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi a bua ka Mindset Change kana go fetola megopolo le dikakanyo.
O ne a tlhalosa fa kgang ya go fetola maikutlo le dikakanyo e sa reye badirela puso fela mme e akaretsa mongwe le mongwe le ba ditumelo tse di farologaneng.
Rre Autlwetse a re baeteledipele ba setshaba le bagogi ba diphuthego tsa Modimo gongwe le gongwe fa ba leng teng ba tshwanetse ba nne letswai la lefatshe mme e nne bone batshwara lesedi.
Ka jalo a re ga go a tshwanela gore e re fa batho ba ba leba ba ba lebe e le batimetsi ba setshaba mme e tshwanetse e nne bone ka dipaka tsotlhe ba tlhalosang se lekwalo le le boitshepo le se buang a tlatsa ka gore boitshepo jwa lekwalo bo tshwanetse bo bonelwe mo go bone.
Rre Autlwetse a re puso e a lemoga e bile e tlotla seabe se kereke e se dirang mo go ageng setshaba se se nonofileng.
A re puso fa e sena batho ba ba nang le poifo Modimo ga e kake ya isa lefatshe gope.
A re ka dinako tsotlhe go tshwanetse go nne le batho kana boeteledipele jo bo nang le poifo Modimo ka poifo Modimo e le yone botlhale.
Le fa go ntse jalo moeteledipele wa kereke ya Eloyi Christian Archbishop Dr Sekai Jakoba o ne a kgala a sa kgwe mathe ditiragalo tse di diragalang mo lefatsheng leno tsa bosetlhogo bogolo jang di dirwa ke borre.
A re kereke ya gagwe e kgala ditiragalo tse di dirwang ke borre bangwe tsa go gapela bana botshelo le tse dingwe di tshwana le dipetelelo, kgokgontsho ya bomme le bana, dipolao tsa batho a supa fa a sa di letlelele.
A re kereke e tshwanetse e nne botshabelo mme e seka ya tshabiwa ke setshaba ka jalo a gakolola borre go itshekatsheka. ENDS
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : Bokopano jwa borre ba kereke
Date : 12 Aug 2024