Breaking News

Maduo a bogosi jwa Kolonkwaneng a tlaa rurifadiwa

06 Aug 2024

Molaodi wa kgaolo ya Tsabong Rre Levis Thupa a re maduo a bogosi jwa Kolonkwaneng a tlaa rurifatswa le go bewa monwana ke Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae Motlotlegi Kgotla Autlwetse morago ga ditlhopho tse di neng di tshwerwe  kwa motseng oo bosheng. 

Ditlhopho tseo tse di fentsweng ke Rre Moroka Tumaeletse di tshwerwe morago ga gore kgosi wa pele Kgosi Jackson Ditlhabi a tlogele tiro ka bogodi ka Lwetse ngwaga wa 2022.

Motlhophisi mogolo Rre Thupa o ne a tlhalosa fa go itumedisa  gore ditlhopho di tshwarwe ka jaana dikgang tsa bogosi jwa motse oo di tswa kgakala di sa robalelwa ke ditlhokwa mme ditlhopho tsa tlosolosiwa fa go ne go santse go rarabololwa dikgang tse di neng di le teng ke ba ba maleba ga mmogo le morafe.

O ne a kopa batlhophi le bontlhopheng go tshwara ditlhopho tseo ka neelano, tlotlo, therisanyo le tirisanyo mmogo gore di tsamaisiwe ka thokgamo le kagiso ka boikarabelo bo le mo batlhophing go tlhopha yo ba eletsang e ka nna moeteledipele wa bone.

Motshwarelela bogosi jwa motse oo, e bile e le mothusa kgosi ya Middlepits Kgosi Neo Kgaudi o ne a supa fa ditlhopho le le botlhokwa ka motse oo senang kgosi o salela kwa morago ka ditlhabololo le go ne go tlhoka seriti.

Kgosi Kgaudi o ne a gakolola batlhophi go tsaya karolo mo ditlhophong tseo ka boitshwaro jo bo eletsegang gore di tle di atlege.

Moeteledipele wa morafe mo ditlhophong tse Rre Itireleng Gaowetswe o ne a supa fa go nnile le madiadia a ditlhopho tsa bogosi mo lebakeng la dikgwedi tse di lesome le boferabobedi mme jaanong puso e tsere tshwetso gore ditlhopho di tswelele go tlhopha kgosi ya motse oo.

Rre Gaowetswe o ne a tlhalosa fa ditlhopho tse di tlaa tshwarwa go setswe morago molao wa puso le melawana ee dumalanweng ke morafe morago ga therisano le neelano mme a kopa gore go se nne le sepe se se duleng mo tseleng fa ditlhopho di tsweletse.

Molawana mongwe o o neng o setswe morago o ne o supa gore bana ba motse oo ba ba nyetsweng kwa ntle ba na le tshwanelo ya go tlhopha.

Fa a rurifatsa maduo Rre Thupa o ne a supa fa go tlhophile batlhophi ba le 529 mme e bile go nyalana le ikwadiso ya bone.

Rre Thupa o ne a supa fa ditlhopho tseo di ne di tseneletswe ke bontlhopeng ba le boferabobedi, Rre Tumaeletse a itlhomile kwa pele ka batlhophi ba le 172, a longwa serota ke Rre Mothusi Ditlhabi ka ba le 151.

Mme Kgalalelo Matshogo a bone ba le 75, Rre Obogoletse Tebele 55, Rre Monies Ditlhabi 32, Rre Itumelo Lentshikang ba le 20, Rre Marchant Tumaeletse 15, Rre Modiegi Madiego a tlhophilwe ke batlhophi ba le boferabobedi, le e e senyegileng e le nngwe.  

Molaodi o ne a lebogela botlhe ba ba nnileng le seabe le go tsaya karolo mo ditlhophong tseo, ba akaretsa ba sepodisi, badirelapuso, batlhophi le bontlhopheng, ka jaana di tsamaile ka thelelo, mme a ba kopa go tsweledisa seo le mo nakong e e tlang.

Fa a amogela maduo a phenyo Rre Tumaeletse o ne a supa boitumelo a re batlhophi ba ba kgaogantse ka tlhopho mme go saletse morafe fela go tshwaragana go ya pele go tsweledisa ditlhabololo mo motseng wa bone ka kagiso. 

A re jaanong go tlhokakutlwisisano go fetile.

Rre Madiego yo o tlhophilweng ka palo e e kwa tlase o ne a supa fa a amogela maduo a tatlhegelo ka jaana ditlhopho di tsamaile sentle mme e bile batlhophisi ba dirile tiro ya bone ka bonokopila ba eteletswe pele ke Rre Thupa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KOLONKWANENG

Event : Ditlhopho tsa bogosi kwa Kolonkwaneng

Date : 06 Aug 2024