Breaking News

Kereke ya Lontone e ikaelela go tsosa matlotla

06 Aug 2024

Maloko a kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) kwa Mahalapye a lemoga botlhokwa jwa go itse ditso le matlotlo a e a dirileng ka go aga dikole le dikokelo mo Botswana.

Ga ba lebale le ditiro tse di molemo tse kereke e di dirileng mo dingwageng tse di fetileng, pele ga e fetola leina go tswa kwa go London Missionary Society (LMS) go nna UCCSA ka 1967.

Mothusa tona mo ofising ya ga Tautona, Mme Boitumelo Gofhamodimo o boletse jaana morago ga mogwanto wa 10km o o bidiwang Heritage Walk kwa Mahalapye bosheng. 

O boletse fa mogwanto oo e le tsela ya go gakologelwa le go ipelela ditiro tse di molemo tsa tumelo ya borraabone mogologolwane le go lemoga boleng jwa mafelo a ba neng ba obama mo go one.

A re go dira jalo ke go ipelela seabe sa kereke ya UCCSA ka bontsi jwa ditlhabololo tse e di lerileng mo lefatsheng leno di bonala.

Ba dirisitse mogwanto go kokoanya madi go baakanya, go somarela, go sireletsa le go tlhabolola matlotlo a kereke a a fitlhelwang mo mafelong a a farologanyeng a lefatshe leno, ka e le one bokao jwa ditso tsa kereke mo Botswana.

Mme Gofhamodimo a re kekere e kgobokanya madi go baakanya dikago tse dikgologolo kwa Serowe tsa kereke ya Thataganyane e e nang le bokao jwa tshimologo ya kereke le ka fa e diretseng setshaba ka teng mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng.

O tlhalositse gape gore go na le masalela a LMS Mission Station a Kolobeng kwa Kumakwane kwa David Livingstone a simolodisitseng kereke ya Lontone mo morafeng wa Bakwena pele ga a goroga kwa Shoshong.

Mangwe a mafelo a a kayang ditso tsa kereke ya Lontone a a botlhokwa go somarelwa le go tswelela a ntshafadiwa ke dikole tse dikgolwane tsa Moeding kwa Otse le Maun, ga mmogo le dikole tse disha tsa ba-na-le bogole e leng Lephoi Centre ya ba-tlhoka-pono kwa Francistown, le Kgodisong Centre kwa Kanye.

Mme Gofhamodimo o tlhalositse fa kereke ya UCCSA e na le motlhala o o bonalang mo ditlhabololong tsa Botswana mme e bile e papamaditswe mo mekwalong e e farologanyeng ya ditso, tumelo le polotiki.

A re ditso tsotlhe tsa kereke di ne di pataganye le thuto, jaaka kwa Thataganyane kwa Serowe, ntlo nngwe e ne e agilwe go nna sekole sa ntlha kwa Serowe. 

Dikole tsa Maun le Moeding le tsone di agilwe ke kereke kwa bontsi jwa Batswana bo akotseng dithuto teng go tswa kwa dingwageng tsa bo 1950.

Mme Gofhamodimo a re dikereke di tshwenyegile ka kwelo-tlase ya boitsholo le setho sa Batswana mme se se tshwenyang segolo bogolo ke gore mongwe le mongwe o na le seabe.

O tlhalositse fa Motlotlegi Mogolo Tautona Dr Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi a kopile dikereke go tsaya karolo mo go rotloetseng setshaba go ema kgatlhanong le maitsholo a a maswe a a gomagometsang go kgautlhanya tshaba ya Botswana.

Mme Gofhamodimo o ne a ntsha P5 000 go rotloetsa kereke ya Mahalapye le tikologo go shafatsa matlotla a kereke.

Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye o tlhalositse fa kereke ya UCCSA e na le motlhala wa go tlhabolola thuto le go tokafatsa seemo sa kalafi ka go aga dikokelo.

O tlhalositse fa ba na le seabe se segolo mo ditlhabololong tsa Botswana le go rera bogolo jwa Modimo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MAHALAPYE

Event : Mogwanto wa Heritage Walk kwa Mahalapye

Date : 06 Aug 2024