Kgosi Kelosiwang o tlaa bolokwa ka Tshipi
05 Aug 2024
Kgosana yoora Mongala kwa Kanye, Kgosi Daniel Kelosiwang o tlaa bolokwa ka Tshipi. Kgosi Kelosiwang o tlhokafala a le dingwaga tse 98 morago ga go lwala ka lobaka. O tlhokafetse kgwedi ya Phatwe e rogwa.
Mo potsolotsong le BOPA ka Matlhatso, morwadia moswi, Mme Gaokgakala Kelosiwang o ne a re Kgosi o tlhokafaletse mo lwapeng gone mo Kanye.
O tlhalositse fa Kgosi Kelosiwang a ne a tlhongwa kgosana ka 1993 a tlhatlhama Rre Gaopatwe Mmolaatshephe.
A re pele ga rraagwe a tsaya setilo sa bogosi e ne e le molemi-morui gape e le mogwebi.
O tlhalositse gape gore Kgosi Kelosiwang e ne e le motho yo o lorato e bile a direla Bangwaketse ka botswapelo a tsena gongwe le gongwe kwa a neng a tlhokwa teng. Mme Kelosiwang a re rraagwe o ne a le pelotelele gape a tletse bogakolodi, a rata metlae le go bolela ditso.
A re ka nako ya fa a le mo bogosing e ne e le setlhare sa moriti wa botlhe le ba e seng ba kgotla ya gagwe tota.
Kgosi Kelosiwang o tlogela mohumagadi le bana ba basetsana ba le batlhano. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : KANYE
Event : PHITLHO
Date : 05 Aug 2024