Breaking News

Tirisano ya bagwebi e botlhokwa

05 Aug 2024

 Tshwaragano ya bagwebi e botlhokwa ka lentswe la bone le ka utlwala botoka fa ba le seopo sengwe.

Tshwaragano e, e ka ba sologela molemo, ka ba ka nna le tshiamelo ya go kwatabolotsa dikitso mo go ba bangwe, bogolo jang ka ba kopana le dikgwetlho tse di farologanyeng. Mothusa molaodi wa kgaolo ya Kgatleng Rre Phenyo Nthaga o buile se kwa pitsong ya bagwebi ka go farologana e e neng e tshwaretswe kwa Rasesa bosheng.

Bokopano jo, bo ne boo fa puso, makalana a a ikemetseng ka nosi gammogo le bagwebi sebaka sa go arogana megopolo ya go tsamaisa dikgweo. A re botsalano jwa bagwebi bo ka ba thusa gore dikgwebo tsa bone di seka tsa phutlhama.

Rre Nthaga a re go botlhokwa gore bagwebi ba fetole ka fa ba ntseng ba dira kgwebo ka teng, ba anywe maele mo go ba bangwe  jaaka gore ba ka bapatsa dikgwebo tsa bone botoka jang go bona dipoelo le mmaraka o o botoka.

Mothusa molaodi a re mokgwa wa bagwebi wa go tsaya diteseletso tsa kgwebo go di neela batswakwa ga o a tshwanela ka o okeletsa Batswana lehuma.

A re puso e dirile go tlala ka diatla go netefatsa tshireletsego ya bagwebi ka go saena ditumalano di tshwana le ya Southern African Customs Union (SACU) e e nolofatsang tirisanommogo mo go tsa theko le thekiso ya dithoto magareng ga mafatshe a borwa jwa Africa gammogo le ya African Growth and Opportunity Act (AGOA) e e letlelelang mafatshe a Africa go bapatsa dithoto tsa bone kwa lefatsheng la America go godisa dikgwebo tsa bone.

Mogolwane wa Kgatleng Business Council Mme Oreeditse Pone a re dikgwebo di tshwana le Kgatleng Beef Association, Kgame Tse Ntle le Madikwe Horticultural cluster di gatetse pele ka ntlha ya tirisano mmogo gareng ga bagwebi ba mekgatlho eo.

 A re mekgatlho le dikoporase tsa go nna jaana fa di sa phutlhamisiwe di ka godisa itsholelo le go tlhama mebereko mme se, se thuse puso go fitlhelela maitlamo a yone a Vision 2036 a go nyeletsa tlala le lehuma mo Batswaneng.

O rotloeditse dikgwebo le ba dikoporase go inaakanya le makalana a tshwana le a Local Enterprise Agency (LEA), gammogo le a Business Botswana go tsaya dikitso le dikgakololo mo go bone gore ba ka godisa dikgwebo tsa bone jang le go tlhodumela mebaraka ya mafatshe a sele go dira letseno le le botoka.

Mme Pone a re tshwaragano ya dikgwebo le puso, makalana a a ikemetseng e botlhokwa gore e re melao e e amang dikgwebo e dirwa, bagwebi ba itsisiwe ka yone nako e sale teng.

O kopile maphata a puso a tshwana le le le abang diteseletso tsa go dira kgwebo le la LEA go tshwara thuto - seka dipuisanyo go itsise batho ka ditirelo tsa bone. Moemedi wa dikoporase tsa dijo tsa leruo kwa Kgatleng Mme Dineo Oitsile a re go itshwaraganya mo kgwebong ke selo se se botlhokwa. “Tshwaragano e botlhokwa fela thata bagaetsho fa go dirwa kgwebo.

Fa o isa dithoto tsa gago o le nosi kwa mmarakeng go nna turu go na le fa le le setlhophana ka o ya go duela ditshenyegelo tse di kwa tlase,” ga bua jalo Mme Oitsile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pelonomi Gare

Location : RASESA

Event : PITSO

Date : 05 Aug 2024