Breaking News

Mokhanselara wa pele o bolokilwe

04 Aug 2024

Matshwititshwiti a Bakgatla ba bolokile mokhanselara wa Boseja Bokone wa pele kwa Mochudi, Rre Peter Mogwera yo o tlhokafetseng bosheng a le dingwaga di le 64.

Dibui ka go farologana di mo kaile fa e ne e le senatla, a rata batho, a tletse boitumelo e bile a le bonolo.

Mongwe wa batsalwa le ene, Mme Masego Mogwera, o mo kaile fa e ne e le mokaedi yo mogolo mo lwapeng ka e ne e le kgaitsadiabone yo motona.

A re Rre Mogwera o nnile sekao se segolo mo go rutuntsheng batsalwa le ene gore ba seka ba tsoga ba aja leswe la balekane ba bone, ka jaana a ne a dumela thata mo thutong e a e rutilweng ke batsadi ba bone.

A re Rre Mogwera o tshedile botshelo jo tema ya jone e neng e segilwe sentle ka jaana e ne e le motho yo o dirang dilo ka go farologana mme a di dira ka ditemana, a sa nne mabogodika.

A re mogolowe o nnile makheneke a sena go wetsa dithuto tsa gagwe, a berekela kwa moepong wa BCL kwa Selebi Phikwe, mme ya re go tloga foo a nna lepolotiki la popota mo makgotleng a kganetso, ga mmogo le go nna morui wa popota.

“Nkgonne o re rutile go rata Modimo, go itirela, go gaisanya le go dira ka natla,” ga bua Mme Mogwera.

Moeteledipele wa Botswana Congress Party, Rre Dumelang Saleshando o boletse fa Rre Mogwera a ba tlogeletse boswa jwa go nna sekao sa lepolotiki le le eletsegang.

A re batho ba mofuta wa ga Rre Mogwera ba a tlhokwa ka jaana mapolotiki a gompieno a leba dikeletso tsa bone le go iperekela le ba malapa a bone.

“O ne a le bonolo, a dumela gore ntwa kgolo ke ya molomo ka jaana a tseneletse sepolotiki ka dinako tse polotiki ya kganetso e neng e sa robalelwa ke ditlhokwa ka dingwaga tsa bo 1995,” ga bua Rre Saleshando.

A re go bo Rre Mogwera a tshedile le morafe le ba ga bone ka go abelana le bone maano a botshelo le go ba reetsa, ke sekao sa gore e ne e le lepolotiki la motia.

Mokhanselara wa Boseja Bokone, Rre Kabelo Pilane o boletse fa ba latlhegetswe ka jaana Rre Mogwera e ne e le sesana se go gamolelwang mala mo go sone.

A re le fa ba ne ba farologana ka mekgatlho ya sepolotiki, o ne a dumela mo sepolotiking se se tletseng kagiso le go neelana, a sa tshwenyane le ope.

Moemedi wa mokgatlho wa Mosetlha Syndicate, Rre Pirate Modibedi o boletse fa ba latlhegetswe ke leloko la komiti e e neng e tsamaisa didiba tsa morafe.

A re Rre Mogwera e ne e le morata kagiso, a nna a agisanya maloko le go fa dikgakololo a wetse dibete a sa gotlhagotlhane le morafe.

Rre Mogwera o nnile mokhanselara wa Kgatleng District Council ditema di le tharo ka go tlhomagana e leng 2004-2009, 2009-2014 le 2014 – 2019.

O dirile mo dikomiting tsa khansele di tshwana le ya madi le ya diteseletso, tse a dirileng go le gontsi mo go tsone.

O tlogela mohumagadi wa gagwe, Mme Evelyn Mogwera, bana ba basimane ba le babedi le ngwana wa ngwana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : Mochudi

Event : Phitlho

Date : 04 Aug 2024