Breaking News

Kgosi o akgolela morafe boitshwaro

04 Aug 2024

Motshwarelela bogosi jwa GaMmaNgwato, Kgosi Serogola Seretse, o itumeletse boitsholo bo banana ba bo supileng kwa tshimolodisong ya lebelo la Sir Seretse Khama Commemoration marathon le le neng le tshwerwe ka Seetebosigo kwa Serowe. 

A re banana ga ba a ba swabisa ka ba ne ba itshwere sentle ba sa tshosetse ope mo tirong eo, a re se, se a itumedisa ka e le bone babusi ba kamoso, le go ne gore leina le lentle le a iterelwa. 

O buile se fa a ne a lekodisa morafe ka botsogo jwa bone mo motseng kwa kgotleng e tona kwa Serowe ka Laboraro. 

Kgosi Seretse a re go atlega ga lebelo le go tsholoditse serodumo sa motse wa Serowe thata. 

A leboga ba khansele ya Serowe go bo ba kgonne go phepafatsa kwa  letamong kwa tiro eo e neng e tshwaretswe teng. A re motse ka kakaretso o ne o le phepa. 

A re lebelo le ile la tsholetsa itsholelo mo motseng ka  dikgwebo tsa maroko di ne di tletse, fa bommaseapei le bone ba obile letsogo ka ba kgonne go jesa ba malwapa a bone. 

Kgosi Seretse o tsweletse a leboga ba sepodisi go nna teng nako tsotlhe go lwantsha borukutlhi, a kaya fa borukutlhi bo ka ama kgatlhego ya go tla lebelong, selo se se ka amang katlego ya lebelo. 

O supile gore ngwaga o o tlang lebelo le, le tlaa baakanyetswa ka nako gore le atlege go gaisa ngwaga ono. 

Kgosi o ile a tswelela a supa gore go na le bagolo ba ba sa itshwareng  sentle mo motseng wa bone, a re go dira jalo ke go itiga seriti le go go gogobisa motse wa Serowe mo seretseng. 

O kopile bagolo go itse gore kgotla e a tlotlwa, le magosi a a tlotlwa. A re ba seka ba kopanya bogosi le sepolotiki ka gore ke dilo tse pedi tse di sa tshwaneng. Mongwe wa ba ba neng ba tsene phuthego eo go tswa kwa kgotleng ya Maaloso, Rre Thomas Moseki, a re o itumeletse thata go bona kgotla e tletse ba tsile go utlwa ka tsa motse wa bone. 

A supa gore ba ba sa tlang ba itshodile ka ba dirwa ke magatwe, lenyatso le go tlhoka maitseo ga bone mo kgotleng le mo bogosing jo bo leng teng mo kgotleng. 

Rre Moseki a re e le batho ba Serowe ba tshwanetse go itse gore motse o ke wa bone e bile ke bone ba ka baakanyang diemo tse di mo go one. 

Mme Sinah Kenaope wa kgotla ya Maaloso-a-ngwana o ne a leboga Kgosi Seretse ka tekodiso ya lebelo la Sir Seretse Khama Marathon ka le tsholeditse serodumo sa motse wa Serowe thata. 

Mme Kenaope a re e le batho ba Serowe ba boele kwa marakanelong ba ikgakologelwe go aga motse wa bone.

A re o kopa morafe go itlotla ,  go tlotla magosi le kgotla ya bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : Serowe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Aug 2024