Breaking News

Emang kgatlhanong le kgokgontsho

01 Aug 2024

Batsadi ba Charleshill le setshaba ka kakaretso ba gwetlhilwe go ema kgatlhanong le kgokgontsho go somarela matshelo a bana ba bone.

Go tlhalositse fa puso e mekamekane le namane e tona ya go lwantsha borukutlhi jwa go gweba ka batho go lemotshega gore bana le bone ba amega ka bokete mo dikgannyeng tseo.

Mokwaledi mogolo wa lephateng la Molao le Thokgamo, Mme Naledi Moroka, o buile jalo, kwa moletlong wa letsatsi la segopotso la go ema kgatlhanong le go gweba ka batho, le le neng le tshwaretswe kwa Chareshill ka Laboraro.

Letsatsi le ne le tshwerwe mo setlhogong se se reng, “Se tlogele ngwana ope kwa morago, mo go lwantsheng borukutlhi jwa go gweba ka batho.”

 A supa fa segopotso sa monongwaga se itebagantse thata le bana. A re Botswana ke leloko la lekgotla la UN, le le ikemiseditseng gore maloko otlhe, a netefatse gore ditshwanelo tsa bana ga di gatakiwe ka dinao.

Mme Moroka o ne a supa fa lephata le boloditse letsholo ka go rutuntsha bana mo dikweleng gammogo le baeteledipele ba metse le batsadi go ba nonotsha ka dikitso mabapi le borukutlhi jo bo tlhagogileng mo lefatsheng.

Mme Moroka o ne a gwetlha batsadi go nna kelelelo ka tiriso ya maranyane mo baneng ka jaana, a tlhalosa fa bangwe ba batswasetlhabelo ba wetse mo diatleng tsa dilalome ka lebaka la maranyane.

A re bangwe ba okisitswe ka go solofetswa ditiro le dikwele kwa mafatsheng a sele, mme ka maswabi, fa ba tsena kwa ba dirisiwa mo ditirong tsa go gweba ka mmele le tse dingwe tse di sa letlelesegeng. Ka jalo, o ne a gakolola batsadi go itshwaraganya le ba sepodisi kana bagolwane ba bangwe ba puso, go kopa bogakolodi ka bao ba bapatsang  mebereko le dikwele tsa kwa mafatsheng a a kwa ntle.

A re puso e dirile melao e ka yone, e tlaa gagamaletsang ba-na-le-seabe phogwana mo borukutlhing jwa go go gweba ka batho, mme a kopa setshaba go thusanya le puso fa ba itemogela matlhasedi a borukutlhi joo.

Kgosi Mbao Kahiko, o gwetlhile banni go nna podi matseba ka borukutlhi jo, ka ba le mo diphatseng ka ba nna mo molelwaneng. O ba gwetlhile go tsaya dithuto tseo ka tlhwaafalo a ba rotloetsa go di anamisa mo go ba masika le ditsala kwa dikgaolong tse dingwe gore ba seka ba tshelegelwa ke madi a kgofa.

Modulasetilo wa Khansele ya Charleshill, Rre Kealeboga Gaebuse, o ne a lebogela dithuto tsa ba lephata la Molao le Thokgamo le ba le tshwaraganeng le bone, ka go tlisa tlhabololo mo setshabeng ka dikitso gore ba kgone go dira ditshwetso tse di maleba.

A tlhalosa fa borukutlhi jwa go gweba ka batho bo ile magoletsa go ralala lefatshe ka bophara mme a supa fa go amega banana thata, mme a ba gwetlha go dirisa dithuto gammogo le maranyane ka kelelelo go iphapa mo go welweng ke seru. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Charleshill

Event : Letsatsi la segopotso

Date : 01 Aug 2024