Banka ya Botswana e abela sekole
01 Aug 2024
Thuto e na le seabe se segolo mo isagong ya bana, ke ka moo go leng botlhokwa go netefatsa gore tikologo ya bone e nna e e eletsegang go ka nna mo go yone. Se, se botlhokwa mo go rotloetseng baithuti le bone barutabana go ntsha mduo.
Mookamedi wa thutuntsho setshaba kwa Bankeng ya Botswana Mme Gaone Motsumi o buile se ka Laboraro jaaka ba ne ba abela sekole se se botlana sa Zwenshambe didirisiwa tsa mo ofising, ditafole le ditilo tse di dirisiwang ke barutabana le tse dingwe. Mme Motsumi a re go tlhokega gore morutabana a bo a na le didirisiwa tsotlhe tse di tshwanetseng go mo kgontsha go dira tiro ya gagwe ya letsatsi, le ene moithuti go kgotlhadiwa ka tse di tlhokegang.
O tlhalositse gore Banka ya Botswana e tsamaya mo dikoleng go ruta bana ka se banka e se dirang jaaka banka kgolo ya setshaba.
“Tumelo ya rona ke gore bana ba dikole ke bone ba re tseelang melaetsa go isa kwa bagolong, ka fa madi a tshwarwang ka teng ka madi a onala ka pela fa a sa tshwarwe sentle,” ga rialo mme Motsumi.
A re go dirisa bana go romela melaetsa ka go tshwara madi, go boloka kana go lekanyetsa theko go nnile le maduo ka molaetsa o gorogile sentle kwa batsading.
Fa a itebaganya le tiro ya letsatsi, o ne a re ka ngwaga wa 2023 go ne ga feleletswa dikago tse disha tsa banka eo mme ba ne ba tsibogetse thata tshomarala tikologo.
A re ba ne ba dumalana gore sengwe le sengwe se se tswang mo kagong e, jaaka mabati, matlhabaphefo, tafole, ditilo le tse dingwe ga di lathiwe.
“Re di ntshitse mme re di arogana le lona le le batsaya karolo ba re dirisanang le bone re sena go utlwa selelo sa sekole sa lona sa letlhoko la didirisiwa,” ga rialo mma Motsumi.
O kopile sekole go nna ka tsholofelo ka jaana ba-na-le seabe ba bangwe ba tlaa dira tse dingwe fa ba lemogang letlhoko teng.
A re Banka ya Botswana e lemogile gore lefatshe ka bophara le na le dikgwetlho ka jalo dikole di tshwana le sa Zwenshambe ga di na didirisiwa tse ba ka di dirisang go ntsha maduo a a botoka.
“Go bolokela mo thutong go botlhokwa thata, ka jalo makalana a a ikemetseng le a eseng a puso a tshwanetse go thusana le goromente go bona gore thuto e nna ya seemo se se kwa godimo gore go fitlhelelwe maitlamo a Tebelopele ya lefatshe ya 2036,” ga rialo Mme Motsumi.
Mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Masunga Dr Salini Bafaneli a re goromente ga a kake a kgona a le nosi ka maikarabelo a gagwe a le mantsi ka jalo go nne le tlhaelo mo go tse dingwe.
A re barutabana ba tshwanetse go kgatlhegela fa ba berekelang teng ka se se ka dira gore baithuti le bone ba kgatlhegele go ithuta selo se se ka tisang maduo a a eletsegang.
Kgosi Moses Mabutho wa Zwenshambe a re fa seemo sa fa barutabana ba direlang teng se tokafala, go felela go itshupa ka maduo a bana. A rotloetsa baithuti ba lekwalo la bosupa le la borataro go dira ka natla go gaisa maduo a a mo kgaolong ya bone.
A re ba ipone ba le lesego ka gore mo ngwageng ono fela go diragetse dilo tse dintsi thata tse dintle mo sekoleng sa bone jaaka go etelwa ke Tautona le Mothusi wa gagwe, mme ba seka ba tlhabisa barutabana ba bone ditlhong, mme ba ba apese boitumelo mo ngwageng tse pedi tse di tlang ka maduo a mantle.
Mokhanselara wa Zwenshambe Rre Never Mabutho o ne a re lefatshe la Botswana le fa le leng teng ka mowa wa boipelego.
A re Banka ya Botswana e diragaditse maikaelelo a pilara e e reng re tshwanetse go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko gape e le lerato ka go abela sekole sa Zwenshambe.
E rile a amogela baeng, mogokgo wa sekole Rre Kedumetse Gabonowe o tlhalositse fa sekole seo se santse se le sego ka go sena ba ba rutelang kwa ntle ga matlwana a borutlelo.
A re mo bogompienong, ba dirisa matlwana mangwe a borutelo a a agilweng ka mmu ke ba Ipelegeng le ntswa bana ba pitlagana ka a sa bulega thata.
Rre Gabonowe o tlhalositse fa sekole seo se na le letlhoko le legolo la motshine o o ntsifatsang dipampiri o ka tshwanelo o tshwanetseng go bo o le mo sekoleng sengwe le sengwe, a tlatsa ka gore barutabana ba kgona go dirisa dikoloi tsa bone go ya go ntsifatsa dipampiri kwa sekoleng sa Makaleng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : Zwenshambe
Event : Thutuntsho
Date : 01 Aug 2024