Lenaneo le tlodisitse Kaiko melatswana
08 May 2018
Mme Tjikene Kaiko wa kompone ya Uendjisuvera Investiment kwa Maun o rurifaditse fa mananeo a puso a ka nowa moro, morago ga gore lenaneo la Financial Assistance Policy (FAP) le mo tlodise melatswana.
Mme Kaiko a re e rile go bona botshelo jwa gagwe bo thatafalela pele e bile a setse a tlelwa ke boithobogo, a seka a ipona tsapa go batlisisa go le gontsi ka lenaneo la nako eo la FAP, le a neng a dumela fa le tlaa mo tswa thuso.
O tlhalositse fa a ne a bona botshelo jwa gagwe bo fetoga ka ponyo ya leitlho ka 1997 morago ga gore a rekelwe letlapa le le rokang ke ba FAP, le maikaelelo a lone e neng e le go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka madi kgotsa leruo.
Mme Kaiko yo o dingwaga tse di masome a mane le bosupa o kaile fa kgwebo eo ya gagwe ya go roka e a e simolotseng ka 1996 e ne e sa tsamae sentle ka a ne a dirisa letlapa le le rokang le lennye,.
“Ke ne ke dirisa letlapanyana le lennye fa ke simolola mme e ne ya re morago ga gore ke rekelwe letlapa le le botoka, sengwe le sengwe sa fetogela ruri, gompieno ke bua ka kgwebo e e setseng e godile”, ga tlhalosa Mme Kaiko.
A re letlapa le a le reketsweng ke ba FAP le ne la mo thusa thata ka a ne a kgona go roka dilwana tse dintsi ka letsatsi mme seo sa mo thusa go reka matlapa a segompieno a mararo, selo se se fetotseng e bile gape se godisitse kgwebo ya gagwe.
“Maikaelelo ke go bona kgwebo e ya me e godile, ke kgona go tlhamela banana ditiro, gompieno ke setse ke hirile a le mongwe fela mme ke solofela gore mo dingwageng palo eo e tlaa oketsega,” ga tlhalosa Mme Kaiko.
Mme Kaiko a re mananeo otlhe a puso a ka nowa moro fela fa batho ba ka nna pelotelele le go emisa go inyatsa jaaka bomme bangwe ba dira.
A re mme fela jaaka motho mongwe le mongwe o na le bokgoni jwa go tsena mo kgwebong.
“Gompieno ke motlotlo ka gore kgwebo e ya me e dirile gore ke nne le seriti jaaka bomme ba bangwe, le nna ke kgona go duelela bongwanake paka ya sekole le go ba rekela dijo jaaka bana ba malwapa a mangwe.”
Lef a go ntse jalo, o kaile fa kgwebo ya gagwe jaaka tse dingwe e kopana le dikgwetlho, mme fela a setse a kgona go itebaganya le tsone ka gore o nna pelotelele ka nako tsotlhe.
‘’Nako tse dingwe batho ba goga maoto ka dituelo morago ga gore ba kope go segelwa diaparo mme seo se nkgobe marapo.
Ke leka ka bojotlhe go bua le bone gore seo se seka sa busetsa kgwebo ya me kwa morago.’’
O kaile fa go tlhaloganya baji-bareki botoka le go nna pelotelele e le tsone dipilara tsa kgwebo ya gagwe.
“Kgwebo e, e mpuletse ditsela ka gore ba CEDA ba setse ba amogetse kopo ya me gape ka fa tlase ga lenaneo la Mabogo Dinku morago ga ditshekatsheko tse di tseneletseng ba dumalane go nthusa ka madi”, a tlhalosa.
A re maikaelelo a gagwe ke go rotloetsa ngwao ya Seherero ka gore nako e ntsi o sega mesese ya Baherero, a tlatsa ka go re seo se mo thusitse ka jaana se dirile gore banana ka bontsi ba kgatlhegele kapari eo.
‘’Seo se rotloetsa gore ba merafe e mengwe ba amogele ngwao ya Seherero ka gore malatsi a le batho ba e seng Baherero ba setse ba batla gore le bone ba rokelwe mesese eo, selo se se itumedisang bagolo ka seo se ka dira gore ngwao ya rona e seka ya nyelela, ’’a tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : MAUN
Event : potsolotso
Date : 08 May 2018