Puisanyo le Mma Atsile
03 Apr 2018
Lefatshe la Botswana ka bophara le tlhanasela ka boitumelo jaaka go amogelwa Mme Neo Masisi mo maemong a bommasetshaba jaaka e le mohumagadi wa ga Tautona Mokgweetsi Masisi yo o leng mosha go tlhongwa. Mmegadikgang wa BOPA Keonee Kealeboga o ne a buisana le Mme Masisi, se e le sebaka sa gore a ikitsese Batswana. Puisanyo e ne ya tsamaya jaana;
Ipolelele Batswana ba tle ba tlhaloganye gore Mme Neo Masisi ke mang
Ke tshotswe ke le Neo Maswabi. Ke tswa kwa Ramotswa. Ke tshotswe ka 1971 kwa Francistown.Ke ntse dingwaga tse pedi tsa ntlha ke nna le nkuku le ntatemogolo kwa Serule ka gore ntate le mme ba ne ba ile go ithutuntsha kwa Lesotho, mme e rile ke le ngwaga tse pedi ke bo ke tla mo Gaborone ka gore ba ne ba berekela mo Gaborone. Ke ngwana wa ntlha. Fa ke le mo Gaborone ke bo ke ya go tsena kwa Thornhill primary, ke bo ke ya Gaborone secondary. Fa ke tswa kwa Gaborone secondary ke bo ke ya Tirelo Sechaba kwa Chanoga kwa Nhabe. Fa ke fetsa ke bo ke amogelwa ke ba University of Botswana go dira Pre-Entry Science Course, mme mo tseleng ka fetola mogopolo, ka tsewa ke ba Debswana gore ke ye go ithuta go nna mmalamadi (accountant). Ke ne ke le lesego tota go bo ke ne ka bona scholarship sa Debswana. Ke ne ke tsena sekole mo Botswana, Debswana e ne e na le sekolo se bidiwa Debswana Accountancy Training Centre. Ke ne ke tsena teng, ke dira Chartered Institute of Management Accountants (CIMA). Ke bo ke simolola go berekela kwa moepong wa Jwaneng. Ke berekile teng ngwaga tse tlhano ke le mmalamadi. Ke ne ka nna ka tlhatlosiwa maemo, mme kwa pele ka bona gore tota go nnela ruri mo khampaning e le nngwe ga go a siama. Ka ke le motho yo o ratang diphetogo e bile ke dumela mo go nneng ke ithuta dilo tse disha, ke ne ka thapiwa ke kompone ya BEMCO mo Gaborone, morago ga ngwaga tse pedi ka ya kwa Grand Palm.
Ka tloga ka ya kwa KBL kwa e rileng ke ntse ke le teng ka nna lesego ka thapiwa ke ba lekgotla la ditshabatshaba (United Nations) mme ka ya go direla kwa New York kwa America kwa ke bereketseng teng ngwaga tse thataro.
Ke ne ka ya kwa Ethiopia kwa ke bereketseng teng go fitlhelela beke e e fetileng fa le le mpitsa mono.
Ke bereketse gape kwa Central African Republic kgwedi tse tharo.
Re tlhalosetse ka lelapa la gago
Ke na le ngwana a le mongwefela o bidiwa Atsile. Ke nyetswe ke Rre Mokgweetsi Masisi. Re nyalane ka 2002 mo Gaborone.
Go ntse jang go nna le rre wa lepolotiki?
Go nyalana le lepolotiki go na le dikgwetlho tsa gone.
Nna ke motho yo o ratang go nna fela le ba ba gaufi le nna, mme jaanaong o tlaa fitlhela e le gore mo dipolotiking ga go a nna jalo.
Tota fela ga se tiro e e motlhofo ka gore o nna fela o le mo matlhong a batho.
A wena o na le kgatlhego mo sepolotiking?
Nnyaa, ke dumela gore polotiki e na le ba yone; nna tota ga se yame. Ke amana le polotiki fela ka gore Rre Masisi ke lepolotiki.
O baakantse Atsile go le kae jaaka le tlaa bo le simolola botshelo jo bosha?
Atsile o tlaa thusiwa thata ke gore o ntse a sa nne mono. Gape se se molemo ke gore go ya ka Atsile, rraagwe o bereka tiro fela jaaka motho mongwe le mongwe, e bile mo go ene rraagwe o bereka tiro ya go thusa batho.
Gape Atsile ke ngwana yo e leng gore o pharologanyo thata, o godile tlhaloganyo thata go fetisa dingwaga tsa gagwe. Se gongwe se dirilwe ke gore o tsene dikole tse di farologanyeng mo mafatsheng a a farologanyeng.
Ke eng se o ratang go se dira fa o iketlile?
Fa ke iketlile ke rata go nna le batho ka gore ke godisitswe mo lesikeng le le anameng.
Gape ke rata go bona mafatshe a mangwe le go bala.
Ke rata go thuma, gape ke rata go bina.
O ipaakanyeditse go nna mme (motsadi) wa tshaba ya Botswana go le kae?
Nna mo botshelong jwa me ke tsaya dilo jaaka di tla. Ke ya go ithuta, ke tlaa ithuta mo go Rre Masisi.
Mme gape ke a itumela gore ke tsena mo tirong e ntsha jaaka ke ne ke le bolelela gore ga ke rate go direla selo se le sengwe ruri.
Mme e bile tiro e ntsha e ga se tiro fela, ke tiro ya go direla batho (service).
Nna fela ke ne ke ipoleletse gore fa ke tlogela tiro ka bogodi ke ya go direla batho mme Modimo wa me o dirile gore ke direle batho ka nako eno.
Gantsi bahumagadi ba botautona ba nna le ditiro (projects) tse ba di dirang. Wena o ikaelela go ya go dira eng?
Tota di mmalwanyana. Ke na le kgatlhego thata mo basetsanyaneng ba dingwaga tse thataro go ya kwa go tse dilesome le boferabobedi, ke lebile gore basetsanyana ba kamoso e tsoga e le basadi.
Go botlhokwa go betla basetsanyana ba sale ba botlana gore ba tle ba nne bomme ba motia.
Ke tlaa itebaganya gape le basadi ba kwa dikgaolong ba e leng gore fa ba tshwantshanngwa le ba ditoropo bone ba saletse morago mo dilong tse dintsi.
Se sengwe gape se ke nang le kgatlhego mo go sone ke maranyane, ke eletsa go ithaopa go bona gore tiriso ya maranyane e a tokafala, segolo jang mo dikoleng.
O ikutlwa jang ka go nna mme (motsadi) wa setshaba?
Gone go monate ka ke ne ke sa solofela gore nako nngwe go tlaa diragala.
Mme fela se ke se ipoleletseng e bile ke dumela mo go sone ke gore ke tswelele ke nne nna, ke seka ka iphetola go nna motho o sele.
Kana jaanong o ya go tshela mo matlhong a batho. O ipaakanyeditse go le kae go tlhongwa leitlho le go sekasekwa mo go tlang le maemo a o tsenang mo go one?
Mo botshelong, a o dira selo se sentle kana o dira se se maswe, go tlaa nna go na le yo o buang sengwe, segolo jang mo malatsing a a maranyane (social media). Se se botlhokwa ke gore o ikitse fa o le motho.
Gape fa o nale tshegetso ya ba ba gaufi le wena o ka kgona sengwe le sengwe.
Go ya ka wena ke eng se se itsang bomme go tswelela mo botshelong?
Go dirwa ke dilo tse dintsi jaaka ngwao ya rona, jaaka re itse gore ngwao ya re rre ke ene tlhogo ya lelapa.
Se sengwe ke go nna le bana, ditiro tse dingwe ga di letle gore o ka tlhokomela bana ka fa o batlang ka teng.
Gape bomme gansti re a inyatsa, re tsaya gore tiro tse dingwe di tshwanetse borre e seng rona.
Mme tota boammaaruri ke gore bomme re ka kgona go dira sengwe le sengwe se e leng gore borre ba a se kgona.
Gape re tshwanetse ra tshegetsana fela jaaka borre ba dira.
Mafoko a gago a bofelo o ka reng?
Ke ka raya Batswana fela ka re mo botshelong ba seka ba nyatsa se ba nang le sone go sa kgathalesege gore se bonnye bo kae.
Sa bobedi, Botswana ke lefatshe le le siameng le le elediwang ke batho ba mafatshe a sele.
Selo se sengwe ke gore fa re rulaganyetsa bokamoso jwa rona re ithute go lebela kwa pele.
Re a leboga e bile re itumelela go bo o buile le rona.
Ke lebogile fela thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : GABORONE
Event : Puisanyo
Date : 03 Apr 2018