Breaking News

Tautona Masisi ke mang

03 Apr 2018

Botswana o sa tswa go tlhoma Tautona yo mosha Moranang a rogwa, Rre Mokgweetsi Masisi go nna Tautona wa botlhano wa lefatshe leno.

Rre Masisi o tsaya setilo sa botautona mo go Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama yo o busitseng dingwaga tse some go simologa ka Moranang 1, 2008 go fitlhelela Mopitlo a le 31 monongwaga.

Jaaka e le motshwarateu yo mosha, ke tshwanelo gore Batswana ba sedimosediwe gore Rre Masisi ke mang totatota? Ka jalo BOPA e ne ya nna moriti le ene.

Rre Mokgweetsi Masisi ke mang?
Ke bidiwa Mokgweetsi la sekgoa ke Eric, la Setswana la ko kgotleng e le la mareelelo ke Keabetswe. Maina a me ke Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi. Ke tsalwa ko kgotleng ya ga Sau kwa ga Mosopa a ga Mmanaana a kgomo, motse o e leng gore Bakgatla ba ga Mmanaana le fatshe ka bophara ba thaegile teng. Ke tshotswe ke monna a bidiwa Edsison Setlhomo Masisi le mosadi a bidiwa Precious Masego Masisi. Rre Ke Mokgatla wa ga Mmanaana mo kgotleng ya ga Sau, fa Mme ene e le Morolong go tswa ko Taung ko Afrika Borwa mme mmagwe a tlholega kwa Ganyesa. Ke tshotswe ka July 21, 1962. Batsadi ba me ba ne ba na le bana ba fera bobedi, banna ba le batlhano nna ke le ngwana wa bosupa ke na le nnake a le mongwefela. Ba le babedi ba re tlogetse, ba ntlha ba babedi go tswa ko tlhogong, go tsamaile wa bobedi pele, o ne a bidiwa Stanley ga bo go tlhokahala Tshelang. Rre le ene o tlhokahetse. E ne e le Mopalamente wa ntlha wa kgaolo e ke mo go yone. Ke tsholetswe mo lapeng mo ntlong ya rantafole e tshweu, e ntse e teng,  ba kile ba batla go e thuba.
 

A ga o batle ntlo e e thubiwa?
Nnya rra, a wena o ka batla kwa o tsholetsweng teng go thubiwa. Ke sone sepatela sa me, ga se thubiwe.
Leina le la Keabetswe, o bua gore ke la mareelelo, gone o reeletswe ka mang?
Ke reeletswe ka mogolowe borre, ke motona mo kgotleng ka lebaka la mareelelo ao. E ne e re fa Ra-Tshelang yo o ntsetseng a le teng, ke batla go ja diphilo ka seemo sa me, mme nkgonne o reeletswe ka yo motona, jaanong ke ene a neng aja diphilo fa a le teng.
Ke goletse mo Moshopa mme ra fudugela mo Gaborone ke ise ke simolole sekole. Re ne re nna mo Gaborone mo Plot 60 gaufi le ha State House 2. Re tshameketse mo sekeleng e e neng e bidiwa Makgadikgadi mo Gaborone a santse a bidiwa Gaberones, go le sekgwa fa gare ga ko re neng re nna teng le ko steichaneng. Go le sekgwa mo o neng o ka bona ditau. Re ne re kganelwa go ya ko staichaneng.

A ntlo e o santse o tle o e okomele?
Ke santse ke e gakologelwa thata. Ke gopola gore e rile morago ke tswa dithutong ko mahatsheng ke fologa folaemanchine ke sena go baya dilwana, ke bo ke ya kwa ntlong eo, mme ka fitlhela Mma Sephuma, ka mmolelela gore ke batla go reka ntlo ka ke yone e ke goletseng mo go yone.
A ko o re he setshwantsho sa ko lapeng, gore o godile jang le batsalwa le wena ga mmogo le batsadi?
Re ne re utlwana thata mo lapeng, bana ha ba nna mmogo, go tshamekiwa, go a lowa, go a thusanwa. Ka re ne re farologana ka dingwaga ,mme mo go kgatlhang ko lapeng ke gore re ne re kgona go tlwaelana ka dingwaga gore di farologana jang. Go ne go na le BoJackson 5 ba le mo fashining, rona re ne re dira Masisi 8, go opelwa, mongwe le mongwe a dira se a se itseng.

A wena o ne o le ka ha mminong kana ka ha go opeleng?
Ke ne ke le gotlhe, ke opela ke bina,  ke setswerere. Ke gore e rile ke gola e be go kwatlalala. Fa nka fiwa sebaka nka bina. Ga ke a tuma hela .
One o re fa le gola, lo ne lo thusana ha gongwe lo lwa, a go na le tiragalo nngwe e o e gakologelwang?
Ga gona e e ropamang ka boyone, ka gore e ne e le dilo tsa malatsi otlhe e se sepe se se ntshang mokola. Go ne go lwelwa dikoloi tsa mmopa, mme re ne re bona gore ga re tshwane; ba bangwe ba ne ba le dipelo di khutshwane. Re ne re bopa kgomo tsa mmopa re di losa.

Batsadi ga ba tshwane, go na le motsadi yo o bogale, yo o betsang le yo o sireletsang bana, ba lona ba ne ba ntse jang?
Ba ne ba le bogale, re ne re betswa, mme e ne e se go betswa ga go sotlwa, ke iteilwe le nna. Nnake ke ene a neng a sirelediwa ke mme. Ga nkake ka re mongwe o ne a betswa go feta ba bangwe. Ka rre e ne e le motho yo o neng a sa bue thata, re ne re na le tumelo ya gore rre ke ene yo o neng a simololang kgang, a kgotletsa mosadimogolo ene a bo a boela ko morago, o tlaa utlwa pepere e go betsa, mme re ne re mo kgona ka go tlola terata e seng jalo o tlaa go leleka thata. Re ne re ithapedisa ka go ba direla tee moraga ga go itewa. Nna ke dirile tee thata.
Gongwe motho o ka re ka gore Rre rrago e ne e le mothusa tona, lone lo tshwarwa sentle ka tsela e e rileng, lona mme lo goletse fela mo thutong ya Setswana.
Nna e bile re ne re akanya gore ke bokgoba, batsadi ba rone ba ne ba sa dumele mo botshwakgeng, o ne o ka seke wa itepeletsa, o re o lapile . O ne o dira tiro ya sekole fa o fetsa o bo o bereka, re ne re apaya, re tlhatswa dijana, re dira washene, go aeniwa. Ke itse go aena rra ka e bile go ne go bidiwa go tereika, ke ka aena shutu, ke itse go mena shutu, ke itse go starcha dihempe. E ne e re ha sekole se chaisa, re bo re fitlhela koloi e re emetse, fa o ka bo wa tsena morago o mo mathateng. Rotlhe re ne re ya masimo, re bereka, re hagola, re kenta dikgomo. Rre o ne a sa dumele re nna mo gae, re ne re ya masimo, re ne re re nna mo gae ka keresemose re ya dikhwaereng le kereke.

Bangwe ba dumela gore o le Mothusa Tautona, o dumela gore go berekwe ka thata, a go raya gore dilo tse o di tsere ko kgodisong ya gago?
Ke sale ke bereka ke sena go fatlhoga rra, go ne go berekwa thata mo lwapeng, go sa kgathalesege gore a mongwe o hirilwe kana jang.
Re tsee ka sekole sa gago Rre Masisi.
Ke tsene ko Thornhill e le sekole sa puso, ka nako eo se ne se bidiwa sa English Medium. Dikole di ne di le pedi hela, ebong, Lesedi Primary le Thornhill, di tshwana ka sengwe le sengwe. Re tsene hela ka lesego ka gore se ne se diretswe bana ba maesemane ba ba neng ba thusa mo pusong. Ka Botswana a dumela mo tlhakanelong ditrelo le sengwe le sengwe le go sa kgetholole batho ka letso le mmala, batho bantsho ba ne ba tsena ko sekolong seo. Bonkgonne ba bangwe ba tsene ko Lesedi Primary. Ke ne ka ya ko Maruapula, go tswa foo ka ya UB. Ke bo ke ya go ruta ko Moshupa ko Mmanaana Junior, go sena motlakase, ka nako eo ba ne ba tsewa ba sa pasa thata. E rile ke tswa ko Mmanaana ka ya ko Curriculum mo lephateng la thuto. Ke be ke tlogela bodirela puso ke tsena mo lekgotleng la ditshaba la UNICEF. Ke ne ka tlogela ke ya dipolotiking le tiro ya nakwana. Ke ne ka tsena ditlhopho tsa peo lotlhokwa mme ka fenngwa.

O ne o bua gore o dirile Masters Degree, o dirile Masters kae?
Ke ne ka ya ko sekolong sa America se bidiwa Florida State University.Ke sekole se setona, se ne se tumile thata ka tsa thuto, bogolo jang tsa Instructional System Design. Ke ne ka ya go dira Masters ya Social Studies le yone Instructional System Design.
Fa ke tshwara sentle e kare o dirile Sekgoa le History ko UB. O ne o tlhopha tseo o lebile eng?
Tota ko tshimologong ke ne ke tlhophile sekgoa le Environmental Science, e be e re ha re tsweletse ke be ke tshaba cartography, mo o tlholang mo setilong o tshwantsha. E ne e mphetsa pelo. Ke ne ka felela ke dira History le sekgowa. E rile ke tsena ko Mmanaana ke be ke feta ke ruta sekgoa, ko morago ka ruta Social Studies, ke le mongwe wa batho ba ntlha go e ruta.
Gongwe motho o ka batla go itse gore mo bonaneng o tshamekile sports se fe?
Ke tshamekile morabaraba le diketo. Ke ne ke di kgona le ha re ne re iphitlha ka gore go ne go twe re tlaa nna bopharamesesing.

Diketo? E tle ba re ke tsa basetsana.
Ke a itse gore ga twe ke tsa basetsana, mme nna ke di tshamekile, ke monna sentle. Ke belaela gore go ne go dirwa ke gore re ne re dira ditiro tsa basetsana, gape nnake ke mosadi, ke goletse fa gare ga basetsana. Ke tsahamekile dibeke le marounders, ke tshamekile black-ba-mmampatile, ke tshamekile kgwele ya dinao le ha ke ne ka seka ka tswelela le yone ke be ke tshameka tennis thata ka lobaka. Ke ne gape ke shapa thata mo tamong ya Gaborone, re tsena fa gare ga tamo re sa tshabe gore a go na le matlapa. Re ne tsena le ka mekoro. Le go taboga ke ne ke taboga.
Ke utlwile o bua ka mosadi le ngwana, ke dumela gore o rre wa lelwapa yo o nyetseng,
Ga ke a nyala fela, ke a nyadisa, ke laya basimane, ke batla basadi. Ke rre wa lelwapa, ngwanake wa maitibolo o bidiwa Atsile, ke mo reeletse ka kgaitsadiake Ketshedile. O bidiwa Atsile Kamogelo Ketshedile. O dingwaga di 12, o bala Form One. Ka mmagwe o ne a berekela ko lekgotleng la UN, o tsholetswe ko New York e be e re a le dingwaga di le four, mmaagwe a  ya go berekela ko Ethiopia. Ke nyetse Neo go tswa ko Ramotswa kwa kgotleng ya Goo Madisa. E ne e le Neo Jane Maswabi, ke ene wa ntlha kwa ga bone. Re nyalane ka 2002, mme e rile ka 2004 a ba a ya go bereka ko UN e le Chartered Accountant.
A go ne go sena kgang ya gore ke eng o ne o sa nyale mo Moshupa? A batsadi ba ne ba sa go botse gore o ne o tlhokile eng?
Ga e sike e nne potso eo, e ne e ka seka ya nna. Ga ke itse gore ke ohe yo o neng a ka e mpotsa ka gore mme ke Morolong kwa Afrika Borwa. Ke ohe yo o neng a ka mpotsa? Batsadi ba me ba ne ba amogela dilo ka mowa le pelo.

Ka o motho yo o nang le kgatlhego mo temong, a o molemi Rre Masisi?
Ke molemi-morui ke ka bo ke le yo o popota ke gore ke tlhoka lehelo le le phuthologilenge, ke mo sekhuruntlhwanyaneng, mme ke tlaa iteka gongwe ke tlaa nna lesego.
Gone mme o rua gotlhe kana go na le thuo e o e kgatlhegelang?
Ke ruile dikoko tsa mae, le gale tsa mae a a ka dirisiwang mo lwapeng hela e be ke nna le dinku le dikgomo, mme se se botoka ke dihutshane, dikgomo nka balwa fa go balwa boralekgotla ba ba nang le dikgomo, fa go balwa bahumi ba dikgomo ga nkake ka tsena mo palong. Ke na le masimo, ke lema merogo, ke ne ke lema mmidi fa tshimong ya Tshwaane, ba e tsere ba land board ba oketsa motse. Ba ntsholoheditse ledinyana.
Batho ba a tle ba re motho ha a le mo maemong a a tshwanang le a gago jaana ga a sokole, fa o tobetsa go a tobetsaga, mme wena o itshokolela fela jaaka mongwe le mongwe, fa e le gore ke go utlwa sentle.
Ga se boammaaruri ka gore nna mo kitsong ya me, o kopa dithuso jaaka mongwe le mongwe, mme e bile fa o le mo maemong a ke mo go one a, o nna kelotlhoko thata go tlhomamisa gore le ba o ba romang o nna o ba tlhola gore ba dira sentle. Ke kile ka dira phoso mo tshimong ya me fa Mmatseta ka tlogela moriti wa setsha sa me ke kopile bangwe go e teratela. Ka e ne e le bannabagolo fela ba ko gae, ba ne ba sokamesitse terata, ba e okeditse mme bone ba bona go sena molato. Selo se se ne se nja mo pelong, mme e rile fa ke baakanya e be ke tlhomamisa gore ke nna teng. Ke kopa fela jaaka mongwe le mongwe fa e le gore go na le tsamaiso e e batlwang, ke e sala morago.

O buile ka polotiki, o gogetswe ke eng mo polotiking?

Ke goletse mo polotiking, fa tlase ga yone, ke e utlwa, ke e bona, ke e duba. Ke palelwa ke go gakologelwa gore ke tshwerwe ga kae ka baesekele e sena lobone bosigo ke tlolela ko African Mall re ya go reka borotho. Ke ne ke na le baesekele jaana e na le mmanki o o neng o laisa borotho re bo rekela batho ba congress. Ka go ne go sena ditlhaelatsanyo, re ne re kgona go bona batho ba re goro! Fa gongwe ba goroga maitseboa. Re ne re ralala mmolo re feta fa Central Police. Mmanki wa me o ne o laisa 14, nkgonne a laisa 16. Mme 14 o ne a sa lekane, fa e le gore go a lalwa, ka jalo o tshwanelwa ke go boa gape. Ke goletse mo polotiking, ke ne ke tsamaya le rre ke mo tsholela beke, re tsamaya re tlhola ba disele, ke ba kwalela ka jaana go bala le go kwala go ne go santse go le ko tlase.

Go raya gore polotiki ga o a simolola le yone maabane jaana fa o ema le Rre Mooka jaaka batho ba akanya?
Ga ke a simolola foo, bogolo jang phathi ya Domkrag, ke e itse tota le maloko a mangwe le dikhwaere le ditso di agile mo go nna. Mme ke ne ke sa kgatlhegele go nna lepolotiki, ke ne ke sa solofela gore ke ka nna lepolotiki. E rile fa Rre Mooka a sena go tsena, ka ke ne ke bereka, e bile ke bereketse ko gae, ke itse kgaolo, re ne ra nna ra mo thusa. Mo ponong ya me, nna ka sebele ka fa ke mmoneng ka teng, ke ne ka bona ke tlhobaela ka fa dilo di tsamayang ka teng.

O tsere tshwetso ya go tsena mo sepolotiking leng?
E rile ha ke bona ka fa ke neng ke leka go thusa ka teng e kete ga go na maduo, ka tsaya tshwetso ya go tsena mo polotiking, ka tlogela tiro e e monate! E e neng e duela. Ke ne ke itse gore ga ke na go fenya, ke ne ka tla ka dikakanyo tsa go ipapatsa mo warding e le nngwe mo go tse di ferang bobedi, ya Manyana. Ke ne ke dira ke itse gore ga se kwa ga etsho, ke dira ka bomo. Ke bo ke baya tsebe ke reetsa, dipuo tsotlhe di ne di buega. Di ne di sa nthee sepe ka gore ke goletse mo go tsone. Ke tlogetse tiro ka 2003, e be ke emela ditlhopho tsa peo lotlhokwa ke be ke latlhegelwa, tota ke ne ke latlhegetswe mme ka amogela maduo. Rre Mooka o ne a na le dipalo tse dintsi, ke ne ke batla go ruta batho gore mo pusong ya batho ka batho go dirwa jang. Ke ne ka ithaopa go direla phathi. Mme le fa ba ne ba sa nthoma, ke leloko la phathi, ke na le tshwanelo ya go direla phathi. Ba ne ba nthoma go nna deputy campaign manager ya kgaolo, ke ne ka bihela tlontlokwane, e be ke semelela, mme ra atlega.

Gantsi fa motho a nna lepolotiki, go nna le motho yo o mo lebileng, e le ene inspiration, wena ba gago ke bo mang?
Ga o a tshwanela go akanya gope kgakala. Ke Rre, ke goletse fa tlase ga gagwe, ke bone jaaka a ne a dira. Ka go tlhoka lesego e rile ka 2003 a bo a tlhokafala, ga a a bona ditlhopho tsa 2004. Mme o ne a itse, re ne re rerile, o ne a itse gore ga ke na go fenya tsa ntlha, mme a itse gore ke ya go ema gape e bile ke ya go fenya tse di lateng. O kile a bolelela Rre Rathedi sengwe, mme ga ke bone gore a o ne a solofetse maemo a ke mo go one.

Go tsena mo polotiking a o ne o solofetse gore nako nngwe  o tlaa bo o le mo maemong a?
Nyaa ke ne ke sa solofela, ke ne sa ipelaele gore ke ka nna tona kana mothusa tona, mme ke ne ke itse gore ke a go nna mopalamente ka gore ke sone se ke neng ke se batla tota. Jaanong e rile fa ke tsena ka dirwa mothusa tona, mme ka bo amogela.

A o tsene mo sepolotiking o lebile go tlhabolola Moshupa?
Kgang ya ntlha e ne e le yone ya go tlhabolola kgaoolo. Mme kana fa o tsena ko palamenteng ga o kake wa leba kgaolo e o tswang ko go yone, o leba lefatshe. Mme yo mongwe yo o neng a ntlhotlheletsa thata, yo o rotloeditseng rre go tlogela bodirelapuso, a tsene mo dipolotiking, gape a tsene le ene sekolo ko Tigerkloof ke Sir Ketumile Masire (yo o tlhokafetseng). O ne a tle a tle ko lapeng ka baesekele a tswa Kanye. O ne a lala ko lapeng, re mo apeela, a re tlotlela dikgang re santse re le basimanyana. Re atamalane thata le bana ba gagwe, kwa ga gagwe e le kwa gaetsho.
 

Se se dirang gore mopalamente a nne mopalemente wa motia ke eng?
Selo sa ntlha se setona ke go reetsa batho, go reetsa ga se go utlwa modumo kana mahoko hela, o tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko, o reetse ba ba sa bueng, ba ba lwalang tlhaloganyo le ba ba sa boneng, le bone bananyana ba ba sa itseng go bua, o reetse ba ba buelang go sele, o tshwanetse wa reetsa, wa dira le batho, o seka wa re o a ba direla, o dire le bone. O ithute go theetsa. O rotloetse gore ke bone ba ntshe megopolo o bo o ba reetsa. O tshwanetse go etelela pele, go etelela pele ke go supa tsela, go supa tshiamo kana kgakololo ke gone go supa tsela.

O nnile mothusa tona, wa nna tona o bo wa nna Mothusa Tautona, maitemogelo a gago ke afe a o ka a kgaoganang le Motswana?
Maitemogelo a mantsi, ke gore boammaaruri mo go sepe se o se dirang ke konokono. Fa o mpotsa gore tsela e ntse jang, o nne boammaaruri. Batho ba ntse jang, a ba bolaiwa ke tlala kana lenyora, a ba chonne, boamaruri ke jone mangmang.

Go lo fale go diragetseng gore o tlhophiwe Mothusa Tautona. Tautona Khama o tlhotlheleditswe ke eng?
Tota o botsa potso e o ka bong o e mmotsa. Mme tse re di buileng fa re hereana, ke tsa rona, ebile di tlaa felela mo go rona. Mme ka o ne a dikologa pele, ke mo utlwa gore rre yo o gogela kae, re ne ra buisanya. Le nna ke ne ka mmaya mahoko pele, ra dumalana, ka mo solofetsa. Ke ne ka mo slofetsa dilo di le tharo; sa ntlha ka mo solofetsa gore go mo go baleng molao-motheo, le go tlhaloganya popo ya molao-motheo, se ke se amogelang ke gore ke mopalamente, maemo a mangwe ke go rata ga ga Tautona. Sa bobedi ke ne ka mo solofetsa gore o ka dira thata ya gagwe le fa e ka fetoga ga go na go fetola sepe. Ke ne ka mmolelela gore a ka seka a ipaya mo pitlaganong, a ntshupegetse ka sengwe fela, ke nna ke tlaa mo etelelang pele ka mokwalo. Ya boraro, fa e le gore go ka diragala, a go botlhoko, a go monate, a go tsididi fela gore ke tlogele maemo a bothusa Tautona a sena go ntlhoma mo go one, a nne ka tshepho ya gore mo tumelong ya sedomkrag, leina le a tlaa le ntshang, ke a go mo ema nokeng le ko palamenteng tlhopho ya me e ya go nna fela jalo.

Dipego dingwe tsa re o tlhomilwe Mothusa Tautona go sena go tlhobogwa madomkrag otlhe?
Ga ke itse, jaaka ke go bolelela, o ka botsa Tautona Khama, gongwe o ne a tlhobogile gotlhe, mme boammaaruri ke gore ko bofelong ke nna Mothusa Tautona.
Motho o ka kgatlhegela tirisanyo ya gago le Tautona Khama.
Ga ise e re ka tsatsi lepe nna le Tautona Khama ra gotlhagotlhana, a ke le tona kana ke le Mothusa Tautona. Fa le bereka mmogo yo o tshwereng boTautona o na le se a se akantseng se a se batlang, wena o le mothusa, tiro ya gago ke go thusa, go gakolola, mme ga se gore re tlaa dumalana. Go gantsi ke sa dumalane le Tautona Khama, mme go sa dumalaneng ga rona e se ntwa. Re ne re lebisanya mabaka, mme Tautona o ya go felela a tsaya tshwetso, mme e bile fa gongwe e se mogopolo wa gagwe, gongwe e le mogopolo wa tona mongwe. Jaanong le tshwanetse la itse gore mmusi o dira jalo.

Mongwe o ka ipotsa gore a e tlaa re Moranang a rogwa, o bo o setse o bitsa Palamente. Re solofele eng?
Pele nte ke leboge Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama, ke leboge mapalamente otlhe a Botswana, a diphathi tsotlhe, ke ba lebogele serodumo se se le teng, kagiso le neelano, tsamaiso ya rona ya molao-motheo e dirwa ke bone.Tsholofelo ya botlhe ke gore e tlaa re ka di 1 tsa April bosigo gare boTautona bo bo bo itere mo go nna, mme ke tlaa ikanisiwa mo mosong ke moatlhodi mogolo. Ka gore go tlaa bo go le Tshipi, batho ba tlaa gololwa go ya dikerekeng, nna e be ke ya go akanya, kakanyo tsa ke le Tautona. Nngwe ya dilo tsa ntlha ke gore ke thusiwa ke mang. Ga ke ise ke bue le ope e bile ga ke ikaelele go bua le ope ke ise ke nne Tautona. Ka Laboraro (Moranang 4), Palamente e tlaa tsena, go bo go ikanisiwa Mothusa Tautona le matona.

Rre Masisi, o itapolasa jang?
Ke rata mahelo a itapoloso, ke rata naga, ke rata moraka le go etela mahatshe a mangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Puisanyo

Date : 03 Apr 2018