Breaking News

Mashebeshete ba apesitse banni kobo ka letshoba

13 Mar 2025

Mothusa Kgosi kwa Peleng mo Lobatse, Kgosi Motlhagodi Thipe, a re botlhoka tsebe jwa bana ba ba itirileng digongwana mo toropong bo apesitse banni ba Lobatse kobo ka le tshoba mo ebileng ba tshelela mo poifong.
Kgosi Thipe o buile jalo ka Laboraro kwa Lobatse mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke bogogi jwa toropo le ba sepodisi go kopa tharabololo mo morafeng go thusanya ka maele le megopolo gore go ka dirwa jang go busetsa kagiso le seriti sa banni ka jaana ga ba tshedisiwe sentle ke bana ba ba fapogileng mo tseleng, ba ipitsa Mashebeshete, a tlatsa ka gore batsadi ga ba kgone go dira ditiro tsa selegae ba phutlhologile.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Peleng Legare, Rre Stephen Mpofu, o boletse gore bolwetsi jwa botlhoka tsebe boteng mo dikoleng tse tharo tse di mo dikgaolwaneng tsa Peleng go akaretsa Peleng Botlhaba, Peleng Legare le Kgaboesele, ka jaana le kwa dikoleng, Mashebeshete ba thuba motshegare.
Rre Mpofu a re ba tsena kwa mabeelong a dijo tsa bana ba sekole, ba tseye dijo e bile ba tsaya le dibeke tsa barutabana, ba tseye madi le yone mesokelatsebeng.
Mokhanselara o tsweletse a re Mashebeshete o tlhorontsha le dikgwebo.
 A re ba dikgwebo tse dipotlana ba ditafole bone ba amogiwa madi a ba a dirileng, selo se a reng se busetsa maiteko a bagwebi kwa morago.
O tsweletse a bolela gore bomme bone ba tshaba le gone go tsamaya ka motse o le lefifi mme Mashebeshete e le bone ba tsereng megala ya kopore ya motlakase.
A re segongwana se, ke bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi, bangwe ba bone ba lekane gore nkabo ba le kwa dikoleng tse dipotlana.
Mookamela mapodisi, Officer Commanding No.4 District, Senior Suprintendant Russ Letsebe, a re ba bone go tshwanela go lekodisa morafe ka seemo sa borukutlhi, a bolela gore bo a tshwenya, bo mefuta e e farologanyeng, bangwe ba tlodisa dikgomo tsa bogodu mo mafatsheng a a mabapi, matlo a a thubiwa, go utswiwa dithoto le dijo le megala ya motlakase.
Supt Letsebe a re ba itemogetse gape fa go thubiwa ga megobagoba e e ralalang toropo ya Lobatse go kekela.
A re bakgweetsi ba tsone fa ba itapolositse, ba a tlhaselwa ba amogiwe ditsa bone go akaretsa madi le mesokelatsebeng.
O tsweletse a bolela gore go tswa ka Ngwanatsele ngogola go fitlha kgwedi eno, digongwana tse tsa Mashebeshete, di tlhasela gongwe le gongwe ba amoge batho di-tsa bone.
A re gape ba tlhasela le batho ba le kwa maitisong, a tlatsa ka gore ke bana fela ba bannye ba dingwaga tse di sa feteng lesome le boferabobedi.
A re mapodisi ba setse ba kile ba tshwara bangwe ba bone mme a re le fa go ntse jalo, seemo se a kekela.  Supt Letsebe a re o bona go le botlhokwa go thulanya ditlhogo le bogogi, batsadi le ba-na-le seabe botlhe go akaretsa ba dikgwebo ka seemo se se a kekela e bile Lobatse o tlaa fetoga go nna toropo e e makgaphila, mo batho ba tlaa sekeng ba kgatlhegela go tla go bula dikgwebo mo go ka tlhamang ditiro.
O tsweletse a kopa batsadi go ba thusa go kgalema fa bana batla ka dithoto kwa lwapeng mme ba botse gore ba di tsaya kae.
O tsweletse a bolela gore seemo se se tshwana le sa tiriso ya ditagi jaaka metokwane le katse ka jaana le tsone di tsere taolo.
Rre Francis Mokwena kopile gore go boelwe kwa ngwaong, ngwana a godisiwe ke batsadi botlhe.
A re go godisa ngwana ke ga batsadi botlhe ba ba leng teng mo tikologong ya gagwe, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore go simololwe go lebelela gore bana ba ba duleng mo dikoleng ba kae, ke bo mang, go tsewe le dipalo kwa dikoleng.
 Mogwebi, Mme Kenanao Mononi, a re e ne o santse a lwala ka jaana o bolaetswe modiri ke bone bana ba, a tlatsa ka gore fa gona le phuthego e e ntseng jaana, a go nne go akarediwa ba bosekisi a tlatsa ka gore bana ba ba a kgokgontsha.
Mopalamente wa kgaolo ya Lobatse, Rre Kamal Jacobs, o boletse gore o utlwile selelo sa banni ba kgaolo, mme a ba gakolola gore le fa ba tla ka tharabololo ba seka ba lebala gore go na le molao, e seng gore gongwe motho a iphitlhele a le mo mathateng.
O kopile batsadi gore ba kope thuso kwa ofising ya Boipelego.
Rre Jacobs o boletse gape gore fa bagwebi ba ngongorega ka go sukurwa ke Mashebeshete, ba tlaa fudusa dikgwebo tsa bone mme batho ba tlhoke kwa ba berekang teng.
Ratoropo ya Lobatse, Rre Aron Gaanakgomo, o ithaopile go tshwaragana le mapodisi le makhanselara go dira ditlhopha go itebaganya le seemo se, a bolela gore batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele ka gore ba godisetsa ditlou mo matlong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Mar 2025