Ba kgothadiwa go thusa ka lorato
12 Mar 2025
Modulasetilo wa khansele ya Okavango, Rre Gaopalelwe Ronald o kgothaditse badirelapuso go thusa setshaba ka lorato le botswapelo.
Rre Ronald o ne a buisa phuthego ya kgotla e e neng e tsenwe ke mopalamente wa Ngami, Rre Philemon Aaron le bagolwane ba maphata ba Okavango ka Mosupologo.
Rre Ronald a re badirelapuso ba ile kwa mafelong a a farologanyeng go isa ditirelo tsa puso, ka jalo ba tshwanetse go thusa setshaba ka botho.
A re badiredi ba na le dithutego tse di faphegileng tse di ba thusang go dira tiro ya bone sentle le go sekaseka se se siametseng setshaba.
Rre Ronald o ne gape a re setshaba le sone se tshwanetse go tlotla badirelapuso gore go nne le tirisanyo mmogo.
O ne a tlhalosa fa tiro ya makhanselara e le go tsaya megopolo le matshwenyego a morafe go di isa khanseleng le go rolela morafe megopolo eo.
Ka jalo Rre Ronald a re morafe o seka wa kala makhanselara ka go thusa mo ditirong di tshwana le dintsho, a re seo ga se tiro ya bone ke go supa lorato fela.
O bile a tlhalosa fa lefatshe leno le tlhaelelwa ke madi mme puso e leka ka bojotlhe go batla madi gore e kgone go diragatsa ditsholofetso.
Le fa go ntse jalo, Rre Ronald o tlhalositse fa lenaneo la madi a dikgaolo la Constituency Community Project (CCP) le filwe madi, ka jalo morafe o tshwanetse wa kopana le makhanselara le mopalamente go ka tswa ka megopolo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Nokaneng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Mar 2025