Tlhabiwe o rotloetsa tiriso ya masimo
11 Mar 2025
Madi a a tshwanentseng go tsisa ditlhabololo le ditlamelo tsa a ditsha tsa bonno ke one a puso e a dirisang go duela dijo tse lefatshe le le di rekang go tswa kwa mafatsheng a mangwe jaaka Afrika Borwa (Import bill).
Se, se boletswe ke Modulasetilo wa lephata la kabo ditsha la Ngwaketse, Rre Bobby Tlhabiwe, kwa phuthegong ya kgotla kwa Lotlhakane East bosheng.
Rre Tlhabiwe o ikuetse mo banning ba Lotlhakane East gore mokgwa wa go bewa masimo a bo a sa dirisiwe, o bolaisa lefatshe tlala ka jaana madi a ditlhabololo a dirisiwa go duelela dijo tse tswang kwa ntle ga lefatshe boemong jwa gore masimo a a abilweng a ntshe dijo le madi gore lefatshe itshetse le go itlhabolola.
Mo go tse dingwe , Rre Tlhabiwe o kgadile boitshwaro jwa bangwe jwa go ipha le go batla go tshwarelela lefatshe e se ka fa molaong ntswa lephata le bua le bone go sutela peo ya ditsha fa e goroga mo mafelong a ba a ipheleng.
O tlhalositse fa seo se dia ditirelo tsa lephata tsa go neela baikopedi, ditlhabololo le go oka ditatlhegelo tsa letseno mo sechabeng.
Go sale foo, banni ba Lotlhakane East ba ne ba begelwa ka phetogo ya ditlhwatlhwa tsa ditirelo tsa kabo ditsha tse di neng tsa tsenngwa ke lephata la kabo ditsha mo tirisong ka ngwaga wa 2022 tse Batswana ba neng ba ngogoregile gore di kwa godimo.
Mothusa Modulasetilo wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Kanye, Rre Katlego Pelekekae, a re dituelo tse, di fetotswe go simologa ka Phalane a le masome mabedi le boraro ngwaga wa dikete tse pedi, masome a mabedi le metso e mene. Rre Pelekekae a re setlankana se sesha se, (Secure Land Tittle/A deed of customary land grant) ke setlankana se se tlhwatlhwa kgolo go ka atolosa itsholelo ya mong wa sone ka jaana tlhago ya sone e le ya maemo a a kwa godimo.
Boleng bongwe jwa sone ke gore motho o ka se dirisa go adima madi kwa dibankeng. O tlhaloseditse morafe gore setlankana se ga se diriwe moriti ka jaana se dirilwe gore dikano tsa sone di dire fela di le mo tlhagong ya sone ya pele.
Se bonwa mo lephateng la Deeds Registry kwa Gaborone.
Rre Pelekekae o ne a tswelela ka go tsibosa morafe go se babalela go itsa go senyega ga sone.
A re go le pele, go se dira gape motho o ne a lopiwa P1 500 mme diphetogo tsa dituelo di supa o ka duela P500 fela.
O ne a tswelela ka go tlhalosa ka dituelo tsa ditirelo tse di farologanyeng jaaka; dituelo tsa go dira setshwantsho sa moalo wa tsa dikago (sketch plan) a re sone se fokoditswe go tswa ko go P500 jaanong ke masome a mathano a dipula (P50); go fetola setsha, mo go kileng ga bo go dirwa ka P3 000 mme jaanong go dirwa ka P500.
A re go fetola setsha mo go ka dirwang go ya ka taelo ya kgotlakgolo, go dule kwa go P3 000 go ya ko go P200, fa setsha sa boswa sone se ne sa fetolwa go tswa ko go P3 000 ko go P200. Dituelo tsa ditirelo tse di farologanyeng jaaka tsa ditsha tsa dikgwebo le tsa tiriso ya morafe tsone o di bona ka tsela ya go reka dipampiri tsa papatso (tender documents) tse di rekisiwang mo lekgotleng la kabo ditsha.
A re fa o rekile dipampiri tseo, o a di tlatsa ele tsela ya go tsena mo phadisanong le ba bagwe ba ba kopang ditsha tsa gonna jalo.
A re tsone di ne di rekiwa ka P1 000, mme tsa fokotswa go rekisiwa ka P250.
O tladitse ka gore mo go tsone go na le ditlhopha tse di sekaseketsweng jaaka basha le banalebogole, botlhe ba letelelwa go di bona ka P125.
Rre Pelekekae a re bomapotiela (Surveyors), bone ditirelo tsa bone di ne di bonwa ka P1 500 jaanong di fetogetse ko go P500 fa go batlelwa makono a gago o ka duelwa P500.
O supile fa go na le dikgwebo potlana tsa temo le leruo di tshwaana le fa go ruelwang dikoko tsa nama kgotsa mae gammogo le dikolobe.
Tsone ditirelo tsa ditsha tseo, o tlhalositse fa di ne di duelelwa P3 000 mme jaanong e le P500. Mafelo a morafe o kopanelang mo go one le a dikgwebo fa a hirisitswe go na le ditumalano tse di dirwang ke lephata le yo o dirisang lefelo la go nna jalo.
“Go sa sale ditumalano tse morago ke go roba molao wa ditumalano,” ga gakolola Rre Pelekekae.
O ne a tswelelaka go thlalosa gore, dithwatlhwa tse di mo tirisong tsa ditsha tse di hirisitsweng tsa dikgwebo/madirelo di ne di duelwa P1.00 go ka mmethara, jaanong ke P0.30 ka mmethara e le tlhwatlhwa e e duelwag ke beng gae fa batswakwa ba lefisiwa P0.75 ngwaga le ngwaga Mafelo a madirelo a ditiro tsa diatla one a ne a duelwa P0.70 ka mmethara mme jaanong gompieno benggae ba lefisiwa P0.20 ka mmethara ngwaga le ngwaga fa batswakwa ba lopiwa P0.50 ka mmethara ka ngwaga.
Ditlhwatlhwa tsa ditsha tsa ditirelo tsa morafe jaaka mafelo a kobamelo (kereke kgotsa ko o bonang bongaka ba setso) di ne di duelwa P0.55 ka mmethara ka ngwaga mme di fetoletswe ko go P0.1 ka mmethara ka ngwaga Lebala la difofane (airstrip) lone le duelelwa P500 ka ngwaga.
Dikole tse di ikemetseng ka nosi di duela P0.50 ka mmethara ngwaga le ngwaga.
O supile fa ditsha tsa dikago tsa khansele le tsa komiti ya ditlhabololo tsa metse tsone di duela P0.25 ka mmethara ka ngwaga fela jalo le mafelo a itloso bodutu (Parks).
Ditsha tsa bonno tsa benggae tse di mo lefatsheng la morafe tsone di lefelwa P100 fa tsa batswaka e ele P1 000.
O gakolotse fa tse tsotlhe di ka bonwa mo bukaneng ya tsamaiso ya lefatshe ya 2024 e ntsha.
Morafe one wa iteela legofi phokoletso ya ditlhwatlhwa tsa ditirelo tsa kabo ditsha.
“Re leboga thata fa puso e utule selelo sa rona.
Ke ditlhwatlhwa tse re ka di kgonang jaanong,” ga tshwaela monni, Rre Ompatile Isaac. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Lotlhakane East
Event : phuthego ya kgotla
Date : 11 Mar 2025