Tshwaraganelang thuto ya bana
09 Mar 2025
Dikago ke konokono ya thuto ka jalo di tshwanetse di tlhokomelwe gore baithuti ba tsenele fa go siameng.
Se se builwe ke tona wa Lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa kwa sekoleng sa St’Patricks kwa a neng a kopane le baeteledipele ba khansele ya Mahalapye, Kgosi ya motse oo, le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba kgotla ya Botalatlhoma (Botalaote, Thomadithotse, Madiba) bosheng.
Komiti ya ditlhabololo tsa motse e ne e rolela sekole seo ditafole tse makgolo mabedi, masome a supa le botlhano (275).
Ditafole tse di ne di senyegile mme komiti ya tsaya tshwetso ya go di baakanyetsa bana ba sekole sa St’Patricks.
Rre Motshegwa o akgoletse komiti tiro e ntle e ba e dirileng a re ba tsere maikarabelo a go tsaya karolo mo go tlhabololeng thuto ya bana mme ebile ba bone go tshwanela gore ba dire tiro e ntle eo.
“Thuto ya lefatshe la rona e tshwanetse ya nna le boleng go ka phadisana le mafatshe a mangwe a a tlhabologileng mme re tlhokana le go tsaya karolo rotlhe re le Batswana go kopanela gongwe le puso go fitlhelela maikano a,” go bua Rre Motshegwa.
Tona a re barutabana le bone ba tshwanetse go lekanyediwa palo ya bana gore ba kgone go ka ba tlhokomela sentle.
A re diemo tse barutabana ba emelaneng le tsone go ka ntsha maduo ga di nametse mme di tshwanetse tsa potlakelwa.
A re ke sone se Tautona wa lefatshe la Botswana, Rre Duma Boko a boneng go le botllhokwa go ka nna le lephata le le lebaganeng le bana ka le tlaa ela tlhoko ditshwanelo tsa ngwana mongwe le mongwe go ka tokafatsa matshelo le thuto ya bana ba lefatshe leno.
A re kgang e e ntseng e tshwenya thata mo dikoleng ke dikago tsa dikole, ditlamelo mo dikoleng le tse dingwe mme ebile tsone di tlaa baakanngwa ka ponyo ya leitlho ka gore thuto ke lesedi mme ebile bana e le bokamoso jwa lefatshe la Botswana.
O kgothaditse bana ba sekole seo go tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo mme ebile a rotloetsa barutabana go tsaya tiro ya bone ka tlhwaafalo ka ba dira tiro e e sa kakeng ya dirwa ke mang le mang.
Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse wa Botalatlhoma, Rre Oesi Tiego o supile fa seemo sa ditafole tsa bana ba sekole sa St’Patricks se ba gwetlhile go ema ka dinao ka bangwe ba bana ba ne ba dirisa dipolanka le disenke go ka beeletsa fa ba kwala.
A re komiti ya gagwe e ne ya tsaya tshwetso ya go tsaya tsotlhe tse di neng di senyegile ba di baakanyetsa bana. A re dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di tshwanetse go imolola puso morwalo.
O tsweletse ka go supa fa ba bonye thuso ya go fitlhelela maikano a bone go tswa kwa bathong ba ba farologanyeng mme se se supile boineelo le lorato.
O lebogetse tshwaragano le popagano e ba e boneng mme ebile a dumela fa go tlaa tswelela go nna le tirisano mmogo e a e boneng.
Kgosi ya motse wa Mahalapye Kgosi Tshipe Tshipe fa a bua kwa tirong eo o kopile Tona gore a ba thuse go lwantsha seemo sa tiriso ya ditagi mo motseng wa Mahalapye a re ditagi tse di aname le motse otlhe fela.
A re ditagi tse di bonwa go simolola kwa dikoleng tse dipotlana go fitlha kwa go tse dikgolwane.
Rre Tshipe o tsweletse ka go supa fa seemo se tsere phekelo e sele ka bana ba sa tlhole ba tsaya thuto ka tlhwaafalo lebakeng la seemo se.
Kgosi Tshipe o rotloeditse morafe go pataganela thuto ya bana le puso ka go lwantsha seemo se sa ditagi ka di ntsha bana mo tseleng ya go ithuta mme gape di oketsa dipalo tsa borukutlhi mo motseng wa Mahalapye.
Modulasetilo wa Khansele ya Mahalapye, Rre Outule Segolame o lebogetse komiti ya ditlhabololo go emela thuto ya bana ba sekole sa St’Patricks ka dinao a re se se supile fa ba na le lerato mo baneng.
O rotloeditse komiti e go tswelela ka go dira bontle mme ebile a kopa dikomiti tsotlhe tsa ditlhabololo tsa metse go tsaya malebela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya khansele
Date : 09 Mar 2025