Breaking News

Kgosi Kgari o rotse kgosi wa Ditshegwane

09 Mar 2025

Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena o rotse Rre Pako Morwaanare go etelela morafe wa Ditshegwane ele kgosi, morago ga gore motse o goge dingwaga tse thataro o sena kgosi.

Motse wa Ditshegwane  o ntse o sena kgosi gotswa ka ngwaga wa 2019, morago ga gotlhokafala ga ga kgosi Stephen Morwaanare yo a neng ele rraagwe Kgosi Pako Morwaanare.

Kgosi Stephen Morwaanare o nnile kgosi ya Ditshegwane go simolola ka ngwaga wa 1979.

Fa a rola kgosi Pako Morwaanare mo morafeng ka Labotlhano, Kgosi Kgari III o ne tlhalosa fa ditsamaiso tsotlhe le merero yotlhe ene ya dirwa le morafe go fitlhelela leina la ga kgosi Morwaanare le isiwa kwa go tona wa Lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao.

A re morago ga gore tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa a rurifatse leina leo, o ne a itsesiwa mme le ene a amogela thomo le maemo ao .

Kgosi Kgari III o ne a kopa morafe go bopagana, go thusana le go reetsa kgosi ya bone go isa motse wa bone kwa pele.

Kgosi ya Ditshegwane, Rre Morwaanare o ne a rurifatsa fa a amogetse go nna moeteledipele wa morafe a re o tlaa gata mo ditlhakong tse ditona tsa ga rraagwe yo a segileng tema e tona fela thata.

A re o ikemiseditse go amogela mathata otlhe a motse le go fedisa botlhoka tsebe ka ke-mo-nokeng ya morafe

“A popagano ya rona e nne yone maikano a rona a ntlha,” a tlhalosa  jalo, a tlatsa ka gore le fa asa dumalana le mongwe ka dikgang, ga a kake amo tsaya ka la molema.

Kgosi Visco Tsiane wa Takatokwane le ene o ne a rurifatsa fa morero one wa salwa morago go fitlhelela tiro e wela e bile a lebogela morafe go nna pelo telele.

O ne a kopa Kgosi Morwaanare go tshegetsa serudumo sa ga rragwe. O ne a supa gore dithulaganyo tsa go tlhoma kgosi mo setilong di tla a dirwa mo nakong e e sa fediseng pelo.

Kgosana ya motse, Rre Selelo Kelebang o ne a lebogela go rolwa ga kgosi a supa gore naga e senang bo khudu tlou bo lebeto ba ipha naga.

A re go tswa ka ngwaga wa 2019, go tsena nako eno, gone gole botlhoko mo go bone ka ntata ya go tlhoka kgosi.

 A re o tshwanetse a tsaya ditaelo tsa lekwalo la Diane 14 kgaolo 28, e e reng kgalalelo ya kgosi ke go dirana le bontsi jwa batho mme tshenyego ya kgosana ke go tlhoka batho.

A re lekwalo leo le gakolola gore fa o le kgosi o tshwanetse go rata batho ka gore fa o sa rate batho otlaa sala o le nosi ba phatlaletse.

Fa a ema kgosi Morwaanare ka lefoko, Rre Tshephiso Lesope e bong malomaagwe, a re o tshwanetse go itse gore kgosi ke thotobolo e olela matlakala.

“Kgosi ke rabatho,gaa utlwe ka magatwe,”a tlhalosa.

O ne a mo gwetlha go tshwara morafe ka tekatekano le fa go ka nna le dipharologanyo tsa dikakanyo le megopolo, a tlatsa ka gore o tshwanetse go bopa motse fela jaaka rraagwe yo a saleng a hulere.A re o namediwa ke gore bogosi joo bo tsamaile sentle.

Mogolowe kgosi, Mme Mpina Seoko o ne a leboga Modimo gore tiro e tsamaile sentle go simolola kwa mererong, a re Modimo o rarabolotse dikgang ka kagiso.

Monnawe kgosi, Rre Kabo Morwaanare o ne a leboga morafe go nna le seabe mo mererong le tshwaragano ya bone mo leetong la go netefatsa gore kgabagare motse o nna le kgosi.

O ne a supa fa ba tlaa tswelela ba ema kgosi nokeng e bile ba tlaa nna barongwa le batlhanka ba gagwe ele ba lelwapa, a tlatsa ka gore kgosi e tlhoka le  kemonokeng ya morafe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Ditshegwane

Event : peo ya kgosi

Date : 09 Mar 2025