Breaking News

Kgosi Motshegare wa Bethele o bolokilwe

09 Mar 2025

 Kgosi Samuel Motshegare wa motse wa Bethele mo kgaong ya Goohope-Mabule o bolokilwe ka Matlhatso.

Kgosi o tlhokafetse kgwedi eno e tlhola malatsi ale mabedi a le dingwaga di le 54. Dibui di mo kaile fa a ne a le tlhaga.

Moemela Kgosi  yo mogolwane kwa Goodhope, Kgosi Galaxy Marumoloa o kaile fa Kgosi Motshegare ene e se motho yo boitseme.

Kgosi Marumoloa o supile fa Kgosi Motshegare a nnile moletlanyi mo motseng wa Bethele pele ga a tlhomamisiwa go nna kgosi ee sekisang, a bolela gore o ne a rata tiro ya gagwe a e dira ka bokgabane.

Kgaitsadia Kgosi Motshegare, Mme Kelebogile Dick o boletse fa kgosi a ne a ntse a sa tsoge sentle mme e ne ya re kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga o o fitileng kgosi a lwala thata go fitlhela a tlhokafala ngwaga ono kgwedi ya Mopitlo e tlhola malatsi ale mabedi.

O supile fa go tlhokafala ga ga Kgosi Motshegare go ba tlogetse ka bohutsana, mme ba tlaa tswelela ba ikaegile ka Modimo.

Tona wa lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa o ne a rometse molaetsa wa matshidiso o o badilweng ke mokwaledi kwa kgotleng ya Pitsane Mme Omphemetse Makakaba.

Tona  a re lephata la gagwe le dirile le Kgosi Motshegare a sena go tlhomamisiwa mo setilong ka kgwedi ya Phukwi ka 2012. O tsweletse a bolela gore Kgosi Motshegare o diretse morafe ka botswapelo le boineelo go thusa mo ditlhabololong tsa lefatshe la Botswana ga mmogo le motse wa Bethele a re ka jalo motse wa Bethele o latlhegetswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Bethele

Event : Phitlho

Date : 09 Mar 2025