Ba rotloediwa tirisanyo mmogo le tlotlo
06 Mar 2025
Tona wa Ofisi ya ga Tautona, Rre Moeti Mohwasa o rotloeditse badiri ba Lephata la Dikitsiso go bereka mmogo ka tlotlo le tirisanyo mmogo gore ba kgone go fitlhelela maitlamo le maikemisetso a lephata la bone.
Fa a buisa badiri ba lephata maabane mo Gaborone, Tona Mohwasa o ba kopile go nna le mowa wa kutlwelo botlhoko, tirisanyo mmogo le setho gore ba kgone go tshwaraganela go ntsha maduo a a itumedisang.
“Go bereka mmogo re sa tlotlane ga se setho. Ke kopa rotlhe gore re tsalwe sesha ka gore ga re kake ra tswelela re dirisa madi a puso mo ditirong tse di sa ntsheng maduo a itumedisang ka gore re fa, go direla setshaba. Fa o filwe tiro gore o e dire, e dire ka boineelo le bonatla, o e wetse mo nakong e o e beetsweng. A re tlotleng baeteledipele ba rona, mme baeteledipele le bone ba tlotle botlhe ba ba eteletseng gore tiro e kgone go dirwa ka mewa e tlhapileng.
Ko pheletsong, re batla go nna le bodiredi jo bo itumetseng gape bo direla setshaba ka natla,” ga bua rre Mohwasa.
A re seabe sa modiri mongwe le mongwe se botlhokwa gore lephata le ntshe maduo a itumedisang. Tona o tlhalositse fa tiro nngwe le nngwe ya puso e direlwa go thusa le go tokafatsa matshelo a Batswana, a tlatsa ka gore se se ka kgonega fela fa itsholelo ya lefatshe le yone e tokafetse, ka jalo a gatelela botlhokwa jwa gore bodiredi bo dire tiro ka bokgabane.
Tona Mohwasa a re ga se maikaelelo a gagwe, kgotsa a puso, go kgopakgopetsana le tiro epe ya lephata le.
Fa a tsibogela mangwe a matshwenyego a badiri, tona o supile fa a ikemiseditse go dirisanya mmogo le boeteledipele jwa lephata go rarabolola dingongorego tsa badiri mo sebakeng se se khutshwane gore ba tle ba kgone go direla setshaba ka dipelo tse di itumetseng.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Mokwaledi mo Ofising ya ga Tautona, Mme Montlenyane Baaitse o lebogetse Tona Mohwasa go ipha sebaka sa go tla go lekola badiri ba lephata la Dikitso.
“Moeteledipele wa tlhwatlhwa, gantsi, o bonwa ka go kopana le go buisana le bao a ba eteletseng gore a tle a kgone a itse gore a ba tsogile le gore ba tsogile jang,” a tlatsa.
Mme Baaitse o ne a tlhalosetsa tona fa badiri ba lephata la Dikitso ba aname le diofisi tsa lephata lefatshe ka bophara, mme ba dira ka natla go isa manaeo a puso ko setshabeng.
Fa a ntsha malebo, Mookamedi wa Lephata la Dikitsiso, Mme Maria Leshongwane le ene o ne a leboga Rre Mohwasa go bo a bone botlhokwa jwa go tla go lekola bodiredi jwa lengwe la maphata a eteletseng pele. Mme Leshongwane o ne gape a lebogela tshwaragano le kemonokeng ya boeteledipele jwa maphata a Kgaso le Kgatiso.
“Tota re tshwaragane le fa go na le dikgwetlho fale le fale tsa tlhaelo ya ditlamelo. Ga gona jaaka re ka kgaogana, re le maphata a, ka gore dingwe tsa dikgwetlho tsa rona le bone di a ba ama,” a tlatsa.
Mme Leshongwane o ne gape a leboga le Mme Baaitse a bo a rurufatsa fa badiri ba lephata la gagwe e le batho ba ba ikanyegang gape ba ikemiseditse go direla setshaba. O ne gape a kopa tona gore ba ele tlhoko, e le mapolotiki, gore kutlwano ya bone le badiri bangwe ga e kgopakgopetse baeteledipele go laola bao ba ba eteletseng pele mo tirong.
Se, a re fa se sa elwe tlhoko se ka baka tlhakatlhakano kgotsa kgotlhang ka se ka dira gore bodiredi bo seka jwa tshepana le go tlotlana mo tirong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Gaborone
Event : Phuthego
Date : 06 Mar 2025