Pula e phirimisa maiteko a balemi
06 Mar 2025
E re le ntswa mo dikgaolong tse dingwe pula e nele ka bokete le selekanyo se se kwa godimo mo go feletseng go baka merwalela le tshenyo ya ditsela, dikole, dithoto le tse dingwe, mo Tsabong le mafelo a a mabapi pula ene e le boutsana.
Bangwe ba balemi mo kgaolong ya Tsabong ba boletse fa maiteko a bone a go lema mo ngwageng ono a phirimisitswe ke pula e e neleng ka boutsana selo se se ba buseditseng kwa morago. Ba re ba lemile morago thata ba lebeletse seemo sa bokgola, fa bangwe balemi ba supa fa gotlhelele ba sa lema fa go tshwantshangwa le dingwaga tse di fetileng.
Mongwe wa balemi ba Tsabong, Rre Frekkie Gabankalafe wa dingwaga tse di masome a matlhano le bobedi o tlhalositse fa ngwaga ono go lebega a tlaa tswa a iphotlhere fela kwa masimong. Rre Gabankalafe o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go tswa ka ngwaga wa 2022 go fitlha ngwaga ono thobo e ne e le kwa tlase thata.
A re o lemile ngwaga ono o simologa mme temo e sa atlega jaaka tlwaelo ka pula e bonala ka sewelo gape e le marothodi fela. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa a lemile mmidi, dinawa, magapu, lablab, makgomane le marotse mme di sa ntse di ise di nametse.
A re dingwe tsa dikgwetlho tse a di itemogetseng e bile di busetsa maiteko a gagwe a temo morago, di akaretsa diphologotswana tse di senyang dijwalo, le diji tse di fofang. Rre Gabankalafe o ne a supa fa a sale a ithutile temo mo batsading a santse a le mmotlana.
A re e rile a sena go fetsa sekole se segolwane atla a sa dira sentle mo dithutong tsa gagwe, a itebaganya le temo ka a ne a lemoga fa e le bogadi bogaufi, ka jalo a dira maiteko a go lema ngwaga le ngwaga. A re mo ngwageng tse di kwa morago thobo e ne e le botokanyana ka jaana a ne a kgona go rekisa kwa dikoleng le mo bathong ka bongwe ka bongwe mme a kgone go oba letsogo.
O ne a gakolola puso go seka seka le go tlhabolola mananeo a tshwana le LIMID, ISPAAD le a mangwe a temo ka a ne a na le maduo, a supa fa e le balemi ba sa ntse ba ithuta le go tlhaloganya temo letlotlo mme ba tlaa inaakanya le yone ngwaga oo tlang.
Go ya ka motshwarelela mookamela balemisi mo lephateng la temo thuo mo kgaolong ya Tsabong, Mme Marriam Mosimenyane, puso e ne ya simolodisa lenaneo la Temo Letlotlo le le dirisang maranyane mo ngwageng wa madi wa 2023/24.
Mme Mosimenyane o ne a tlhalosa fa maikaelelo e ne e le go oketsa thobo mme ba kwadisa balemi ba le 630, ga thusiwa ba le 272 go tsaya peo, ga lema ba le 119, borre ba le masome a mararo le borataro le bomme ba le masome a marataro le botlhano diekere di le 338.17.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa mo ngwageng ono wa madi wa 2025/26 ba kwadisitse balemi ka lenaneo leo ba le 730, ba ba thusitsweng ka madi go reka peo ba le 424 mme go lemile ba le 99 mo diekereng tse 269.30.
Mme Mosimenyane o ne a supa fa e le ba lephata la temo thuo ba itemogetse dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba ikwadiseditseng lenaneo la temo letlotlo mo ngwageng wa madi wa 2025/26 fa ba tshwantshanya le ngwaga wa madi wa 2023/24.
A re go na ga dipula tse di boutsana monongwaga go ne ga felela go kgoba marapo balemi bangwe go lema ka jaana letsema le sale le tswaletswe ka kgwedi ya Hirikgong e ya fifing, mme dipula tsa simolola go na botoka morago ga kgwedi ya Tlhakole bogolo thata mo metseng ya Kokotsha, Werda, Makopong, le Draaihoek.
O boletse fa bontsi jwa balemi bo lemile mmidi, dinawa, ntshe, magapu, marotse le Lablab mme tsholofelo e le gore fa pula e ka tswelela e na ba ka kgona go imona menwana. Mme Mosimenyane o ne a gakolola balemi go nna kelotlhoko mo dijing di akaretsa army worm/fall worm mme gape ba itsise balemisi ka bonako go ba neela dikgakololo tse di maleba.
Mogolwane go tswa mo lephateng la tepo loapi mo Tsabong, Mme Kefentse Magogone o ne a bolela fa bosheng pula e nele kwa motseng wa Kokotsha ka selakanyo se se kwa godimo sa 235mm a supa e le la ntlha go gatisiwa selekanyo seo mo kgaolong eo go ya ka ditshekatsheko tsa dikgatiso tsa bone.
Ka lebaka la pula e e boutsana mo Kgaolong ya Kgalagadi, Rre Zacharia Ntau wa dingwaga tse di masome a matlhano le borobabongwe o ne a supa fa a ne a tsaya tshwetso ya go dirisa temo ya nosetso a supa fa yone e le bogadi bo gaufi.
Rre Ntau yo e leng molemi wa popota o ne a tlhalosa fa a simolotse go kgatlhegela temo ka ngwaga wa 2014 morago ga go ithuta mo batsading ba gagwe mme morago a ikemela ka nosi. O boletse fa a simolotse temo ya nosetso ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Ngwanaatsele -Sedimonthole mme a na le tsholofelo e ntsi thata ya go bona thobo e e nametsang.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa a lemile mmidi, dinawa, makgomane le magapu mme a ikaelela go lema le tse dingwe mo nakong e e tlang. A re mo bogaufing o tlaa lema merogo maikaelelo e le go ntsha merogo e e lekaneng go thusa baji-bareki ka e le botlhokwa mo botsogong jwa bone.
Rre Ntau o boletse fa a phuntse sediba mo tshimong le go gokela ka ditshenyegelo tsa gagwe mme a gwetlha balemi go inaakanya le mananeo a puso go ba thusa go lema temo ya nosetso ka e le bogadi bogaufi le gore ba ka kgona go itepatepanya le seemo sa pula e boutsana mo kgaolong eno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 06 Mar 2025