Ba Kuke ba falotse ka bobi jwa segokgo
24 Feb 2025
Ba Kuke ba falotse ka bobi jwa segokgo morago ga gore metsi a a neng a tshelesegela ka bokete mo motseng wa bone a faposediwe kwa ntle ga motse.
Komiti ya dibetso tsa tlholego ya kgaolo ya Ghanzi e e eteletsweng pele ke molaodi wa Ghanzi, Rre Ketumile Ramotadima e ne ya tsibogela seemo seo ka go epa mosele go laola motsamao wa metsi go a thibela go tsena mo motseng.
Mo puisanyong molaodi Rre Ramotadima, o tlhalositse fa metsi ao, a a tswang kwa bophirima jwa motse wa Kuke, a ne a ntsifala ebile a elela ka bofefo ka Matlhatso, seemo se se neng sa ba tlama go tsiboga ntle le tiego.
Rre Ramotadima a re go tlhalosiwa fa ka ngwaga wa 2021, noka e e kwa bophirima jwa motse oo, e ne ya baka morwalela o tseneletseng mo motseng, mme wa baka tshenyo kwa sekoleng le malwapa a a mo tikologong.
O gwetlhile banni ba Kuke go nna podi matseba mabapi le seemo seo sa tshoganetso. Ba Kuke ba falotse ka bobi jwa segokgo morago ga gore metsi a a neng a tshelesegela ka bokete mo motseng wa bone a faposediwe kwa ntle ga motse.
Komiti ya dibetso tsa tlholego ya kgaolo ya Ghanzi e e eteletsweng pele ke molaodi wa Ghanzi Rre Ketumile Ramotadima, e ne ya tsibogela seemo seo ka go epa mosele go laola motsamao wa metsi go a thibela go tsena mo motseng.
Mo puisanyong molaodi Rre Ramotadima, o tlhalositse fa metsi ao, a a tswang kwa bophirima jwa motse wa Kuke, a ne a ntsifala ebile a elela ka bofefo ka Matlhatso, seemo se se neng sa ba tlama go tsiboga ntle le tiego.
Rre Ramotadima a re go tlhalosiwa fa ka ngwaga wa 2021, noka e e kwa bophirima jwa motse oo, e ne ya baka morwalela o tseneletseng mo motseng, mme wa baka tshenyo kwa sekoleng le malwapa a a mo tikologong.
O gwetlhile banni ba Kuke go nna podi matseba mabapi le seemo seo sa tshoganetso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Kuke
Event : Potsolotso
Date : 24 Feb 2025