Kgosana Kegakilwe o bolokilwe
24 Feb 2025
Kgosi Aobakwe Phetlhu wa Hebron a re Kgosana Mosondo Kegakilwe e ne e le kgosana wa tetlanyo yo o neng a tlhokometse dithulaganyo tsa motse ka kakaretso.
Kgosi Phetlhu o buile jalo mo potsolotsong le BOPA ka Matlhatso morago ga phitlho ya ga Kgosana Kegakilwe kwa Hebron, a bolela gore Kgosana Kegakilwe o ne a agisanya morafe fa go ka nna le ditsheko, a tlatsa ka gore tiro e, o ne a e dira ka botswapelo.
O tsweletse a bolela gore go agisanya mo, go ne go fokotsa bontsi jwa ditsheko.
Kgosi Phetlhu o boletse gape gore Kgosana Kegakilwe o ne a na le bogakolodi jo bo tiileng, a tlatsa ka gore ba ne ba kgaogantse motse wa bone ka dikgotla tse nne, di nna le bo ralekgotla, go atumetsa morafe gaufi le bogakolodi jwa ga Kgosana Kegakilwe.
Mo go tse dingwe, o boletse gore Kgosana Kegakilwe o ne a okametse dikomiti tse difarologaneng tsa motse jaaka ya balemi le ya metshameko, ka ene ele motho yo o batlang go bona motse wa gagwe o tlhabologa.
Malomaagwe Kgosi Kegakilwe, Rre Othusitse Mmutle, o boletse gore Kgosana Kegakilwe o tlhokafetse morago ga go lwala, a tlatsa ka gore e ne ele motho yo o nang le boikarabelo ebile a le boikanyego.
O tsweletse a bolela gore e ne e le senatla a na le kitso ya go dira dilo ka bontsi go akaretsa go baakanya dikoloi, molemi morui le boeteledipele jwa gagwe ene e le ja maemo a ntlha.
Mokwaledi wa kgotla kwa Hebron, Mme Keleemetse Matsebere o ne a bala molaetsa mo boemong jwa Mookamedi wa Lephata la Makgotla a Setswana, Rre Reuben Majeremane, a supa fa a simolotse go bereka le Kgosana Kegakilwe ka ngwaga wa 2006 morago ga go rurifadiwa go nna kgosana ya tetlanyo. O tlhalositse gore kgosana o diretse morafe ka botswapelo le boineelo a thusa mo ditlhabololong tsa lefatshe la Botswana, ga mmogo le motse wa Hebron. ENDS
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Hebron
Event : Potsoloso
Date : 24 Feb 2025