Breaking News

Borre ba kopiwa go itshekatsheka

24 Feb 2025

 Kgosi Segale Letshele kwa toropong ya Jwaneng, o kopile borre go itshekatsheka ka maikaelelo a go fetola boitsholo gore lefatshe leno le kgone ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ya bong.
A re, e re ntswa dipatlisiso di supa fa go na le manoto a borre a a kgokgontshiwang mo malwapeng, dipalo tse dintsi di supa fa borre e le bone bakgokgontshi ba bomme le bana.
Kgosi Letshele o buile jalo fa a ne a amogela Mothusa Tautona Rre Ndaba Gaolathe kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe kwa Jwaneng ka Matlhatso.
A re ka ngwaga wa 2023, kgotla ya gagwe e ne ya kwadisa dipalo tsa borukutlhi di le lekgolo le masome a mabedi le boferabongwe, mme mo go tsone di le masome a marataro le bosupa e ne ele tsa borre ba kgokgontsha bomme, fa bomme ba le supa ba ne ba kgokgontsha borre.
O tlhalositse gore mo ngwageng o o fetileng, ba ne ba kwadisa dikgang tsa mofuta oo di le lekgolo le masome a mararo le botlhano, tse mo go tsone borre ba le masome a boferabobedi le borataro ba ne ba kgokgontsha bomme, fa bomme ba ba neng ba kgokgontsha bone ba ne ba le boferabobedi.
Kgosi Letshele a re seemo se se kekelang sa kgokgontsho ya bong, se apesitse toropo kobo ka letshoba mme e bile a re se digela le maduo kwa tlase mo ditirong.
A re, e re ntswa tsela nngwe ya go fokotsa seemo seo e le go gagamatsa melao, go botlhokwa gore borre ba tseye maikarabelo ba nne le seabe mo go fokotseng dipalo tseo.
A re go dira jalo go tlaa babalela le tshaba e e tlang ka jaana go tlaa itsa bana go tsweledisa kgokgontsho e ba ka bong ba goletse mo go yone. Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Letshele o ne a kopa puso gore e fetole melao mme dikgang tsa ditagi di busediwe kwa makgotleng a Setswana.
“E ne yare fa moragonyana dikgang tsa ditagi tsa ntshiwa mo makgotleng a Setswana di isiwa kwa go a ga mmakaseterata, mme ke dumela gore makgotla a rona a ne a le bofefo le go fetsa ka dikgang tsa mofuta o, ka jalo re kopa gore di boele re kgone go emelana natso,”ga tlhalosa Kgosi Letshele.
A re go le gantsi batho ba melato eo, ke banana ba ba santseng ba ka obega, ka jalo go ba sekisa ka makgotla a Setswana go ka nna bofefo gore ba otlhaiwe ele  tsela e e ka ba agang  le go tsweledisa matshelo a bone go aga isago ya lefatshe.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Jwaneng

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 24 Feb 2025