Breaking News

Mogwebi o itlama go thusa ba ba wetsweng ke seru

22 Feb 2025

Mogwebi wa Lobatse wa khamphani ya Disolis Construction, Rre Solomon Diphoko o itlamile go ntsha didirisiwa tsa gagwe di akaretsa dikatakata, diterekere, le tse dingwe go thusa baagi fa ba ka tlhagelwa ke mathata ape hela mo nakong ya dipula.

A re o gwetlhilwe ke go bona lefatshe le aparetswe ke mathata a dipula tse di bakileng merwalela.

 A re go botlhokwa gore e le bagwebi ba thuse ba ba wetsweng ke seru.

Rre Diphoko a re o setse a ikgolagantse le ba ofisi ya ga molaodi go tshwaraganela tiro eo. 

 

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : LOBATSE

Event : Potsolotso

Date : 22 Feb 2025