Breaking News

Mapodise a halotsa ba le bararo

22 Feb 2025

Mapodise a Mmathubudukwane ba halodisitse banna ba le bararo ba letso la Zimbabwe mo nokeng ya Madikwe gaufi le Ramonaka mosong ono.
 
Borre bao, ba ba dingwaga di le masome a mabedi, masome a mabedi le boraro le masome a mararo le bosupa, ba fitlhetswe fa gare ga noka morago ga gore mokoro wa bone o kalele ka Labotlhano mo mosong.
 
Borre bao ba ne ba bona thuso ka Matlhatso mo mosong.
 
Ramapodise a Mmathubudukwane Superitendent Mmoloki Mogale a re ba thusitswe ke ba sesole ba go halotsa borre bao.
 
A re borre bao, ba berekang mo masimong go bapa le Ramonaka ba ne ba iphitlhela ba dikaganyetswe ke metsi a a neng a tshelegela mo nokeng ya Madikwe morago ga gona ga dipula.
 
A re ba santse robaditswe kwa kokelwaneng ya Mmathubudkwane go bonwa ke ba bongaka.
 
Mogolwane wa Mapodise, Rre Mogale a re ba lebisitse mohiri wa bone molato wa hira batho ba sena teseletso ya go nna le go berekela mono.
 
Molaodi wa Kgatleng, Mme Kolobetso Sejakgomo a re o tshwenngwa ke bangwe batho ba tsweletseng ka go ralala ditsela dingwe tse di tswetsweng.
 
A re ba komiti ya dibetso tsa tlholego ba tsweletse ka go kopa batho ba ba nnang ha thoko ga go fuduga ka nakwana go leka go ipabalela.
 
A re le ntswa pula e eme, dinoka di tsweletse ka go neelana metsi, mme a goroge kwa bathong ka bokete. 
 
A re noka ya Madikwe e tshelelwa ke ya Molatedi go tswa kwa South Africa, ka jalo metsi a tletse gongwe le gongwe.
 
Mme Sejakgomo a re masimo a fa tlase ga Notwane a tseneletswe ke metsi, mme o kopile batho go emisa go itepatepanya le seemo sa metsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : Mmathubudukwane

Event : Potsolotso

Date : 22 Feb 2025