Breaking News

Ba kopa gore ditsela ditsibogelwe

20 Feb 2025

Makhanselara ba kgaolo ya Palapye ba kopile gore seemo sa ditsela tsa kgaolo di tsibogelwe ka bofefo jo bo kgonagalang.

Fa ba akgela mo mafokong a modulasetilo wa khansele ya Palapye, Rre Kabo Ketshogile fa a bula bokopano jwa khansele bosheng, ba supile fa kgaolo e tshwanetse e nne le tharabololo ya sennelaruri go tsibogela seemo sa ditsela. Ba re ditsela tsotlhe go akarediwa le tsa sekontere di le dikhuti mme seemo se bifetse pele morago ga dipula tse mo nakong eno di tsweletseng ka go na ka bokete.

Mokhanselara wa Mmaphula Bophirima, Mme Bafedile Ben o kaile fa kgaolo ya gagwe bogolo jang kwa Extension 4, Extension 6 le Extension 7 di sena ditsela gotlhelele mme seemo se se bifile thata ka nako ya dipula mo batho ba le bantsi ba palelwang ke go tswa mo malwapeng le dikoloi di palelwa ke go tsamaya.

A re khansele e tshwanetse e bone gore e tsibogela seemo se jang fa dipula di sena go feta. O ne gape a kopa ba lekgotla la kabo ditsha go ba thusa go ntsha sekgwa mo ditsheng tsa ba ba iseng ba age le mo mafelong a morafe  ka bangwe ba felela ba latlhela leswe mo go o ne ebile dirukutlhi di nna foo.

Mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Loeto Tsebenyane e ne o kaile fa seemo sa metsi a a sa laolesegeng mo motseng se sa ama kgaolo ya Palapye fela mme le kwa Lerala mo kgaolong ya Tswapong Bokone go na le bothata jwa metsi a a tswang kwa dithabeng a bo a elelela mo motseng. O kopile gore go dirwe mesele ya kgopo ya metsi a pula, go laola metsi.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Serorome, Rre Thabo Seomile o akgoletse modulasetilo go bo a ntshitse mogopolo wa gore go dirwe lehuti la matlakala kwa Lemone ka le le leng teng le ntse le tshwenya, fa mokhanselara wa kgaolo ya Tlhomadithotse, Rre Tumo Tumo a ne a kopa gore kgaolo ya gagwe e tlhabololwe ka e sale e latlheletswe ebile se na sekole se sebotlana le kokelwana.

Mokhanselara wa kgaolo ya Makabe, Rre George Makhura o kopile khansele go dira dipone tsa mosepele fa pele ga sekole se segolwane sa Lotsane a supa fa dikotsi tsa tsela di setse di gapile matshelo a barutabana ba le lesome mo dingwageng tse pedi ntateng ya dikoloi tse di tsamayang ka lebelo le le kwa godimo.

Le fa go ntse jalo mokhanselara wa kgaolo ya Boikago, Rre Mosotho Modirwa a re go lebega fa mathata a kgaolo ya Palapye a tshwana fela bogolo jang a a amanang le ditsela mme khansele e tshwanetse e e bone gore ba thusiwa jang.

Makhaselara botlhe ba ba neng ba akgela ba ne ba lebogela mafoko a modulasetilo a neng a a ba baya pele mme ba mo akgolela megopolo e a neng a e ntsha ya go isa khansele kwa setshabeng le go dira letlole le le tlaa thusang mo ditlhabololong tsa kgaolo.

Ba ne gape ba supa fa mogopolo wa go isa khansele kwa bathong o siame ka bontsi jwa batlhophi ba sa kgone go e tsena. Ba re banni ba tlaa nna le tshono ya go reetsa ba bo ba utlwe tse di buiwang kwa khanseleleng.

Ba kopile khansele go tsibogela kgang ya babereki ba lenaneo la Ipelegeng ba go kaiwang fa bangwe ba ise ba duelwe dituelo tsa ngwaga o o fetileng le go baakanya dikago tsa dikole le matlo a barutabana a a mo seemong se se sa itumedisang.

Makhansalara ba lebogetse go okediswa ga madi a bagodi go nna P1 400 le tshwetso e e tserweng ke puso ya go fa ngwana yo e leng gone a tsholwang P300 go fitlhela a nna ngwaga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : PALAPYE

Event : Council meeting

Date : 20 Feb 2025