Borre ba gakololwa go tsibogela botsogo jwa bone
20 Feb 2025
Borre ba gakolotswe go tsaya botsogo jwa bone ka tlhoafalo, ka go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS le malwetse a a sa tshelanweng.
Se, se builwe ke mogolwane wa kgaolwana ya Palapye ya botsogo, Rre Thato Bailane kwa bokopanong jwa borre jwa Men Pitso kwa kgotleng ya Mmalekokopu ka Labobedi kwa Palapye, a supa fa borre ba le maoto a tshupa mo go tsa botsogo. Rre Bailane o rotloeditse borre go ikgapha mo go nneng le bakapelo ba bantsi mme a gakolola ba ba tsayang diritibatsi go sala morago ditaelo tsa ba botsogo.
A re gore motho o tsogile ke fa a itekanetse mo mmeleng, tlhaloganyo le ka fa o tshelang ka teng le tikologo e a tshelang mo go yone.Fa a itebaganya le kgang ya kgokgontsho, a re borre ba supilwe ka monwa gore ke bone bakgokgontshi bagolo, a tlhalosa gore dipetelelo, tiriso botlhaswa ya bana ba basetsana ba dingwaga tse di kwa tlase mo go tsa tlhakanelo dikobo di dirwa ke borre.
Rre Bailane a re kgokgontsho e na le seabe mo kgolong ya mogare wa HIV/AIDS a tlhalosa gape gore ngwao le tumelo di rotloetsa kgokgontsho.
A re ba itemogela mogare o mosha o o tsenang banana ba dingwaga tse di fa gare 10-24 gammogo le go ima ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase mo kgaolong ya Palapye. O gakolotse borre go nna sekao mo baneng ba bone ba basimane ka go dira dilo tse di siameng.
Mogokaganyi wa merero ya HIV/AIDS, Rre Thuso Ernest o boletse fa maikaelelo a Men Pitso e le go tsibosa borre ka dikgang tsa botsogo le kgokgontsho.
Rre Ernest a re ba rotloetsa borre go emela lekgotla la borre la Men sector ka dinao le maikalelo a lone e leng go kopanya borre gore ba bue ka dikgang tsa bone.
A re lekgotla la Men Sector le ruta borre gammogo le go ba aga ka jalo, a ba rotloetsa go e ema komiti nokeng.Rre Ernest o ba rotloeditse go buisana ka matshwenyego a bone a re ke nako ya gore ba buisane ka dikgang tsa mogare wa HIV/AIDS, kgokgontsho, le masula a a dirwang ke borre mo go bomme le bana.
O ba gakolotse go netefatse gore ba dire ka natla go tsisa pharologanyo mo matshelong a ba bangwe.
Mogolwane wa lekalana le le faphegileng la sepodisi la Child friendly Centre, Mme Keamogetse Lute a re dikgang tse dingwe tse di tshwenyang ke tsa borre ba ba dirisang botlhaswa, bana ba ba ba fitlhelang mo go bomaabone, mo go tsa tlhakanelo dikobo
Mme Lute o gakolotse borre ka melato e e ba amang jaaka go ikgatholosa tlhokomelo ya ngwana ga batsadi le e mengwe. A re borre ba na le tshwanelo ya go batla madi a tlhokomelo ya ngwana mo go mmaagwe fa e le bone ba nnang le bana.
Borre ba ne ba supa gore le fa ba supiwa ka monwana gotwe ke bakgokgontshi, le bone ba a kgokgontshiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 20 Feb 2025