Pula e e neleng kwa Kokotsha ke ditso
20 Feb 2025
Pula ya selekanyo sa 235mm e gatisitswe kwa Kokotsha ka Labobedi, tiragalo e Kgosi Lefoko Kudume wa Kokotsha a reng ke ditso kwa motseng oo ka e le lantlha e na ka bokete le selekanyo se se kalo.
Kgosi Kudume o supile fa mogobe le melatswana e penologa mme seo se tlaa thusa mo letlhokong la metsi segolo bogolo go nosa loruo le gore pula fa e ka tswelela e na, e tlaa oketsa metsi kwa tlase ga lefatshe mme go tokafatse seeemo sa metsi a didiba.
A re le fa pula e nele ka bokete joo, ga go a nna le tshenyo epe e e kalo fa e se batho ba le babedi fela ba matlo a bone a mmu a oleng. O rurifaditse gore boeteledipele jwa motse bo tshwaragane le ba komiti ya dibetsa tsa tlholego go tswa kwa ofising ya ga molaodi kwa Tsabong, go thusa ka ditante.
Kgosi Kudume o kopile batsadi go baya metsamao ya bana leitlho, go ba itsa go thuma kwa megobeng le melatswana. E re ka banni ba koo le bone ba ne ba beile ditema, Kgosi Kudume o supile fa go sena tshenyo e e kalo mme tsholofelo e le go nna le thobo e e botoka monongwaga fa go tshwantshwanngwa le ngwaga tse di fetileng.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la tepo loapi kwa Tsabong, Mme Kefentse Magogone o tlhomamisitse selakanyo sa pula e e neleng ka Labobedi gore e ne e le 235mm. Mme Magogone a re ba solofetse pula e e botoka go fitlha ka kgwedi ya Moranang mono ngwaga.
A re kwa Bray go nele ya selekanyo sa 115mm, Werda 93mm, Makopong 55.5mm ka lone letsatsi leo. O boletse fa ka kgwedi ya Phalane, Ngwanaatsele, Morule ba gatisitse selekanyo sa mogote oo feteletseng sa 43.3 degrees celsius mme ebile go sena pula go fitlha Herikgong mme pula e simolotse go na botoka mo kgweding eno ya Tlhakole.
Monni wa Kokotsha, Mme Baichele Kgolego o ne a tlhalosa fa pula ee neleng kwa motseng oo e ba thabisa pelo ka ba solofetse dimela le maungo a mantsi aa bonwang kwa motseng oo jaaka mahupu,digwere le merogo ee melang mo nageng le tse dingwe a supa fa gape ba dika ba bapetse thata sengaparile mme tsholofelo e le go dira dipoelo tse di botoka mo thekong ya sone.
Mme Baichele le ene o gateletse gore ba itumeletse pula eo ka e nele ka tidimalo go sena modumo le tshenyo e e kalo kalo.
Motse wa Kokotsha o kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa mme o ka nna dikhilommethara di le makgolo a mabedi (200km) go tswa mo motseng mogolo wa Tsabong, motse oo gape o itsege ka dimela tsa tlholego di akaretsa mahupu le maungo a moretlwa a gantsi a melang sentle teng ka jaana gantsi pula ena botoka thata teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 20 Feb 2025